Back to top

Primary tabs

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka tiragalo ya kopanotshwaraganelo ya Palamente, Motsekapa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA),
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetulo wa NCOP,
Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa,
Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki,
Moatlhodimogolo Mogoeng Mogoeng le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa bosiamisi,
Moporesitente wa Palamente ya Lekgotla la Aforika, Rre Roger Nkondo Dang,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae tsa Aforika Borwa (SALGA) le Dimeyara tse Dikgolo tsotlhe tse di leng teng,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Sireletsang Molaotheo wa Temokerasi,
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi,
Baeteledipele ba mekgatlho ya bodumedi,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Ngaka Frene Ginwala,
Baeng ba ba laleditsweng,
Bagale ba kgaratlhelo ya tokololo,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
MaAforika Borwa ka nna.

Dumelang, sanibonani, molweni, riperile, good evening, goeie naand, lotjhani, riperile, ndi madekwana,

Ke rata go ka leboga go neelwa tšhono ya go ka buisana le ditokololo tsa Palamente le tsa setšhaba.

Letsatsi la gompieno le tshwaya ngwaga wa bo 26 wa go lokololwa ga Moporesitente Nelson Mandela kwa kgolegelong, e leng se sengwe sa ditiragalo tse di gagamaditseng mo hisetoring ya naga ya rona.

Gape ke ngwaga wa bo 50 wa puo e e tlhagisitsweng ke puso ya National Party ya gore District Six e tla nna lefelo la batho ba basweu fela, e leng seo se neng sa dira gore baagi ba le 60 000 ba lefelo leo ba ntshiwe ka dikgoka mo lefelong la bone la bodulo.

Ngwaga wa 2016 gape o tshwaya ngwaga wa bo 20 wa go saeniwa ga Molaotheo wa Rephaboliki ke Madiba go ka nna molao. Go saeniwa gono go diragetse kwa Sharpeville ka la bo 10 Sedimonthole 1996.

Re motlotlo ka temokerasi ya rona ka ga seo e se fitlheletseng mo nakong e khutshwanyana. Temokerasi ya rona e a dira, e tsetsepetse e bile ga e tseewe ke phefo.

Bakaulengwe,

Molaotheo, o o ikaegileng ka Lokwalotumelano lwa Kgololesego, o tlhagisa gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba dulang mo go yone. Go gontsi go go dirilweng mo go ageng setšhaba se se senang tlhaolele.

Le fa go le jalo, loeto lo lo lebisang kwa setšhabeng se se senang tlhaolele ga lo ise lo konosediwe.

Setšhaba se ne sa gagamala mo kgweding e e fetileng fa tlhaolele e ne e supolola tlhogo ya yone e e boitshegang mo mafaratlhatlheng a tlhaeletsano le a eleketeroniki, mme ya fudua kutlobotlhoko le tšhakgalo e e seng kana ka sepe.

Go na le tlhokego ya go tobana le letimone la tlhaolele. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho, ka la Mopitlwe 21, monongwaga le tla ketekiwa jaaka letsatsi la bosetšhaba le le kgatlhanong le tlhaolele. Le tla dirisiwa go tlhoma motheo wa lenaane la pakatelele la go aga setšhaba se se senang tlhaolele.

Bakaulengwe, ke rata go ka le lemosa ka digopotso tse dingwe di le mmalwa tse di botlhokwa.

Ngwaga wa 2016 o tshwaya ngwaga wa bo 60 fa e sale mogwanto wa basadi wa go leba kwa Union Buildings wa go lwela phediso ya melao ya go rwala dipasa. Re itumetse gore re bo re na le Mme Sophie de Bruyn, yo a neng a le teng mo bagankeng ba baeteledipele bao ba neng ba etile pele mogwanto ono o o dirileng hisetori.

Re tlotlomatsa gape le Moporesitente wa mo malobeng wa Black Sash, Mme Mary Burton. Re tlotlomatsa kgatelopele ya mokgatlho ono mo go lweleng ditshwanelo tsa batho, bosiamisi le tekatekano.

Monongwaga gape o tshwaya dingwaga di le 40 fa e sale segopotso sa mogwanto sa June 16 kwa Soweto.

Re tlotlomatsa motsayaditshwantsho yo a tshwantshitseng setshwantsho se se itsegeng thata sa ga Hector Peterson a kukilwe ke Mbuyisa Makhubu a na le ausi wa gagwe Antoinette, Rre Sam Nzima.

Gape re akgola baithuti ba 1976 ka bogale jwa bone ka go ema kgatlhanong le puso e e setlhogo ya tlhaolele. Retlotlomatsa yo mongwe wa baganka ba paka eo, Motlatsamokwaledi wa Palamente, Mme Baby Tyawa, yo a nang le rona ga jaana.

Monongwaga gape o tshwaya dingwaga di le 30 fa e sale go tlhaselwa le go balawa setlhogo ga ba Gugulethu Seven ke sepodisi sa puso ya tlhaolele ka Mopitlwe 1986.

Yunibesiti ya Fort Hare e keteka ngwaga wa bo 100, e leng phitlhelelo e e botlhokwa mo hisetoring ya kgololesego e seng fela ya naga mme gape le mo go ya kontinente. Mekete ya naga e tla diragala ka la bo 20 Motsheganong.

Ntetleng ke tlotlomatseng Morwakgosi Mangosuthu Buthelezi wa Bogosi jwa kwa Phindangene, moeteledipele wa lekoko la sepolotiki la IFP yo e leng moithutedi wa mo malobeng wa yunibesiti eo.

Ngwaga wa 2016 gape o tshwaya ngwagakgolo wa ntwa ya Deville Woods kwa France, eo e diragetseng mo nakong ya Ntwakgolo ya Ntlha ya Lefatshe.

Matšhwititšhwiti a masole a bathobatsho ba ne ba le kwa ntweng eo fela ba ne ba tshwerwe makgwakgwa ka ntlha ya mmala wa bone.

Tshirololo ya letlapa e e tla tsosolosang seriti sa bone le botho jwa bone e tla diragadiwa ka Phukwi monongwaga kwa France.

Bakaulengwe, ntletleng gape go tlotlomatsa baeng ba bangwe ba le bararo ba ba itlhophileng bao le bone ba nang le rona gompieno:

• modulasetulo wa Foramo ya Baeteledipele ba Dikereke ya Naga, Mobishopomogolo wa kwa Motsekapa, Mobishopomogolo Thabo Makgoba.
• Mobishopomogolo Daniel Matebesi, Moporesitente wa Lekgotlha la Ditumelo tse di Farologaneng tsa Naga la Aforika Borwa le
• Mobishopomogolo Zipho Siwa, Mobishopomogolo wa Kereke ya Methodist ya Aforika Borwa le Moporesitente wa Lekgotlha la Dikereke la Aforika Borwa.

Mme Mmusakgotla le Mme Modulasetilo,

Ikonomi e e kakatletseng e bile e golela ka bonako e mo boteng jwa lenaneo la rona la phetolothefosano ya ikonomi la phetakapejana mmogo le mo boteng jwa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Fa ikonomi e gola ka lebelo e tlhola ditiro. Badiri ba bona megolo mme dikgwebo di iponela merokotso.

Letlole la lekgetho le a oketsega mme seno se letla puso go oketsa megolo ya loago le go aba ditirelo tsa thuto, boitekanelo, madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba, go aga magae le go aba ditirelo tsa motheo tse di sa duelelweng - ka mokgwa o o lebelo e bile e le wa leruri.

Ikonomi ya rona e ntse e tobane le dikgwetlho fa e sale go nna le matsapa a matlole ka ngwaga wa 2008. Re ne ra samagana le manaane a tlhabololo ya mafaratlhatlha a a gagametseng go ka oketsa kgolo ya ikonomi.

Nnete ga jaana ke gore kgolo ya ikonomi ya lefatshe ka bophara e santse e eme. Dimaraka tsa matlole ga di a itsetsepela. Diranta tsa mebaraka e e supogang di koafetse mme go le gantsi di tsubutlwa ke diphefo.

Ditlhwatlhwa tsa gauta, malatlha le dimenerale tse dingwe tseo re di rekisetsang lefatshe ka bophara di wetse kwa tlase thata mme di tswelela go nna kwa tlase.

Diikonomi di le pedi tsa dinaga tsa balekane ba rona mo setlhopheng sa BRICS: Brazil le Russia di solofelwa fa di tla wela kwa tlase monongwaga. Naga e nngwe ya boraro ya molekane wa rona, China, ga e kitla e iponela mofuta wa kgolo e e matla e e itsegeng ka yone.

Ka ntlha ya fa ikonomi ya rona e le nnye e bile e buletse mang le mang, e anngwa ke dilo tse di tlhagelelang tse di jaaka tseo.

Gape ikonomi ya rona e anngwa ke matsapa a ka fa nageng a a jaaka dikgoreletsi tsa motlakase le matsapa a diintaseteri e leng dilo tseo dinako dingwe di sa itsetsepelang.

Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF) mmogo le Banka ya Lefatshe di bonelapele kgolo ya ikonomi ya Aforika Borwa ka phesente e e ka fa tlase ga e le nngwe monongwaga. Dipoelo tsa kgolo e nnye ya ikonomi di tshitshinya gore kgoboketso ya lekgetho e tla nna kwa tlase go gaisa ka fao go neng go akantswe.

Sa botlhokwa, naga ya rona e bonagala e le mo matshosetsing a go latlhegelwa ke seemo sa boleng jwa dipeeletso go tswa mo ditheong tsa tekolomaemo. Fa seo se ka diragala, go tla nna boima go ka adima madi go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle a go ka tshegetsa manaane a rona a go aga matshelo a a botoka go botlhe, bogolosegolo mo bao ba humanegileng.

Seemo seno se tlhoka leano le le mosola la go fetola ka moo re tlwaetseng go dira dilo ka teng. Le ka ga go dira dilo ka mokgwa o o farologaneng le wa ga jaana mmogo le go tsaya dikgato mo go seo se neng se sa tseelwe dikgato ka bonako mo malobeng.

Ke tla abelana dintlha di le mmalwa tseo re dumelang fa di tla dira pharologano.

Sa ntlha, naga ya rona e tswelela go nna kgogedi ya dipeeletso. E ka tswa e tobane le dikgwetlho, fela ditiro tse dintle tsa yona di phaphamala fa godimo ga dikgwetlho tseo.

Re tshwanetse go tswelela go babatsa naga jaaka lefelo leo le ratelwang go beeletsa mo go lone. Seo se tlhoka gore re bue ka lentswe le le lengwe go tswa mo go rona rotlhe ba kgwebo, mekgatlho ya badiri le ba puso.

Fa go na le dikgogakgogano kgotsa matsapa magareng ga rona, re tshwanetse go a rarabolola pele a golela pele. Seno se botlhokwa gore naga ya rona e dire sentle.

Re nnile le dikopano tse di mosola le ba kgwebo, go akaretsa dikopano tsa maemo a a kwa godimo le Batlhankedikhuduthamagabagolo ka Labobedi mo bekeng eno. Re utlwile ditshwaelo go tswa mo borakgwebo ka ga ka fao re ka fetolang seemo seno ka teng mme ra busetsa ikonomi mo mmileng wa kgolo.

Re utlwile dintlha tse di ka ga tlhokego ya go dira mafaratlhatlha a a nepileng a tshegetso ya dipeeletso.

Puso e dira Lefelo le le Esi la Ditirelo Tsotlhe/letsholo la Dipeeletso tsa Aforika Borwa go tlhagisa gore Aforika Borwa ka boammaruri e buletse kgwebo. Re tla salamorago go tsenngwa tirisong ga tirelo eno, ka tirisanommogo le lekala la poraefete.

Dikgato tsa mothale oo di tlhoka gore puso e fedise melao e e kgoreletsang le go sekaseka molao mongwe le mongwe le melawanataolo ya dikgoreletsi.

Re tlhomile Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e mabapi le Go Babatsiwa ga Dipeeletso e e tla netefatsang katlego ya dikgato tsa go babatsa dipeeletso.

Bakaulengwe, re utlwile matshwenyego a a tlhagisitsweng tebang le ka fao dikgwebo tsa puso le ditlamo tsa puso (di-SOC) di dirang ka teng.

Bontsi jwa di-SOC di dira bontle.

Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Naga sa Aforika Borwa (Sanral) se agile tse dingwe tsa ditsela tse dintle go gaisa mo Gauteng le mo dikgaolong di le dintsi tsa naga. Tseno di re dira gore re dungwe ke dikgaolo di le dintsi mo lefatsheng.

Bothati jwa Kgogometso ya Trans Caledon bo agile matamo a bogolo jo bo farologaneng, e leng se se dirang gore go kgonagale gore batho ba borona ba iponele metsi a a babalesegileng a ba ka a anwang.

Transnet e agile mafaratlhatlha a diterene go kgontsha meepo ya naga ya rona go tsamaisa phiphitha ya ditlhagisiwa go ya kwa maemelakepeng go romelwa kwa ntle ga naga go ralala le lefatshe.

Eskom, go sa kgathalesege dikgwetlho tsa yone, e santse e kgontsha ikonomi go gatela pele, le fa go le bokete.

Ditheo tsa tlhabololo ya matlole tsa rona tse di jaaka Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) kgotsa Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika le tse dingwe di abile matlole tebang le mafaratlhatlha, diintaseteri tse di farologaneng mmogo le dikgwebo tsa temothuo ntle le go retelelwa, le fa go ntse go na le itemogelo ya matsapa a matlole mo lefatsheng.

Gore di-SOC di nne le seabe mo katlegong ya go tsenya tirisong NDP, di tshwanetse tsa bo di eme sentle mo go tsa matlole.

Di tshwanetse tsa bo di laolwa le go tsamaisiwa ka tshwanelo. Re tla netefatsa fa go tsenngwa tirisong ditshwaelo tsa Khomišene ya Moporesitente ya Ditshekatsheko mo Dikgwebong tsa Puso, tseo di tlhalosang ka fao ditheo tseno di tshwanetseng go tsamaisiwa ka teng.

Motlatsamoporesitente ke modulasetilo mo Komiting ya Ditona tsa ka fa Nageng e e mabapi le go netefatsa fa ditshwaelo tseno di tsenngwa tirisong.

Re tshwanetse go tlhamalatsa le go lotsa tiro ya ditlamo tseno le go netefatsa gore mo go nang le makoa mo tirong ya one, go nna le dipaakanyo tsa ka bonako.

Ditlamo tseo di sa tlholeng di le mosola mo lenaneong la rona la tlhabololo di tla fedisiwa.

Mafapha a puso ao ditlamo tseno di ikarabelang mo go one, a tla tlhama lenaneo la go nopola diporojeke tse di botlhokwa tsa di-SCO tse di ka tsenngwang tirisong mo pakeng e e tlhagisitsweng. Tekolo le tshekatsheko e e maleba e tla diragadiwa.

Ditsereganyo tseno di botlhokwa mo kgolong ya ikonomi le mo go fokotseng maemo a dikoloto tsa naga.

Bakaulengwe,

Re tshwanetse go diragatsa tšhono ya phetolelo ya ranta mmogo le diphetogo tsa mo malobeng tsa melawanataolo ya Visa, go tshegetsa bojanala jwa ka fa nageng.

Bojanala mo Aforika Borwa bo tla beeletsa R100 milione ka ngwaga go babatsa bojanala jwa fa gae, ka go rotloetsa maAforika Borwa go jela naga ya bo bona nala.

Re utlwile matshwenyego go tswa kwa ditlamong mabapi le tiego ya go bona di-visa tsa badiredi ba bone ba ba nang le bokgoni go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle. Le fa re rata gore bathapi ba thape badiredi ba ka fa nageng, pholisi ya rona ya bofaladi e tshwanetse go kgontsha gore bokgoni jo bo tlhaelang go tswa kwa ntle bo kgone go tlisiwa fa nageng.

Lekwalotlhomo la Pholisi ya Bofaladi le tla tlhagisetswa Kabinete mo tsamaong ya ngwaga wa 2016. Re utlwile boikuelelo jwa netefaletso ya pholisi eno go tswa kwa makaleng a meepo, bogolosegolo go amana le Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Didirisiwa tsa Peteroleamo le Dimenerale.

Molaotlhomo o buseditswe kwa Palamenteng mo ngwageng yo o fetileng. Re letetse Palamente go konosetsa thulaganyo eno, e re solofelang gore e tla konosediwa ka bonako.

Bakaulengwe,

Re tlhoka go matlafatsa di-SMME go tlhotlheletsa kgolo ya tsona. Phitlhelelo ya tshegetso ya boitlhamedi jwa boleng jo bo kwa godimo jwa kgwebo e ka tokafatsa ka tsela e e gakgamatsang palo ya dikatlego tsa boitshimololedi jo bontšhwa.

Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tlhomilwe go abela tshegetso ya mothale ono e e di totilweng go ka tshegetsa dikgwebopotlana.

Phetolothefosano ya ikonomi le matlafatso ya bathobantsho e santse e le karolo e e botlhokwa ya manaane otlhe a puso a a mabapi le ikonomi. E nngwe gape e ntšhwa ya ditsereganyo tsa rona ke Sekema sa Diintaseteri tsa Bathobantsho seo se thankgolotsweng gore se rotloetse go nneng le seabe ga borakgwebo ba bathobantsho mo tlhagisodikunong.

Re ikuela mo dikgwebong tse dikgolo go dirisana le batlhagisidikuno ba bantšhwa go akaretsa le dikgwebo tseo e leng tsa basadi le tsa bašwa, e le karolo ya go atolosa bongdithoto le taolo ya ikonomi.

Bakaulengwe,

Re motlotlo ka maemo a bo 10 mo pegelong ya dikgaisano tsa Foramo ya Diikonomi tsa Lefatshe fa go tla mo ditirelong tsa matlole.

Go somarela le go tokafatsa maemo a rona e tota e le sengwe se se botlhokwa mo kgaisanong ya rona jaaka naga.

Gape go botlhokwa mo maikemisetsong a rona a go nna tikwatikwe ya matlole mo Aforika.

Dibanka, ka Mokgatlho wa Dibanka wa Aforika Borwa, di tla thankgolola porojeke e e ikaeletseng go tlhama tikwatikwe e e dirang bontle tebang le ditirelo tsa matlole le tsa katiso ya boeteledipele.

Seno se tla netefatsa gore jaaka naga re kgona go ngokela, go nonotsha, go tlhabolola le go somarela bokgoni jo bo gaisang mo ditirelong tsa matlole ka fa nageng ya rona go ralala le kontinente ya rona.

Ba tla dirisana le Tona ya Matlole mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba go dira gore seno se kgonagale. Re dumela gore seno mo tsamaong ya nako se tla netefatsa fa re atolosa letlotlo la bokgoni mo go tsa matlole le go atolosa ditšhono tsa ditiro mo bašweng ba le bantsinyana.

Porojeke eno ya togamaano go tswa kwa lekaleng la dibanka ke poelo e ntle e e rotloetsang ya dipuisano tsa rona le ba kgwebo mo bekeng eno.

Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa!

Bakaulengwe,

Re dirile boikano jwa go dirisa matlole a setšhaba ka botlhale le go kgaola ditshenyegelo, ntle le go baya fa kotsing ditlhokwa tsa kgwebo tsa puso le kaboditirelo ya batho ba borona.

Ka ngwaga wa 2013, Tona ya Matlole e tsibositse dikarolo di le mmalwa tsa go fokotsa ditshenyegelo.

Ditshenyegelophetelela tse kgolo di fokoditswe, fela go santse go le gontsi go go tshwanetsweng ke go dirisiwa go fokotsa ditshenyegelo. Ke rata go ka tlhagisa dikgato tse dingwe mo bosigong jono.

Maeto a kwa moseja a tla fokodiwa mme bao ba kopang go neelwa tetla ya go tsaya maeto ao ba tla tshwanelwa ke go tlhagisa mabaka a a utlwalang tota le go bontsha ka fao naga e tla ungwelwang ka teng.

Palo ya baemedi ba ba tsayang maeto e tla fokodiwa thata le go beelwa seelo se se sa suteng. Dithibelo tse dingwe tsa dikhonferense, go direlwa dijo, go itapolosa le ditirelo tse dingwe tsa go iketla di tla kgaotswa.

Go tshwarwa ga mekete ya bosigo ya bannaleseabe eo e rulaganngwang ke mafapha a puso kwa Palamenteng, e e tshwarwang morago ga dipuo tsa tekanyetsokabo ga e sa tlhole e tla tshwarwa.

Tona ya Matlole o tla tlhagisa dikgato tse dingwe gape le dintlha ka botlalo mo puong ya tekanyetsokabo ka la bo 24 Tlhakole.

Botsamaisi jo botona le diboto tsa ditheo tsa setšhaba le di-SOC di tshwanetse go tsaya dikgato tse di jaaka tseno.

Ke laletsa gape le Ditonakgolo tsa diporofense tsotlhe di le robongwe mmogo le dimeyara go nna karolo ya rona jaaka re simolola go fedisa go senya ka madi mo pusong.

Ke tshepa gore ba Palamente mmogo le ba Ditheomolao ba tla ngokelwa gore le bone ba tsenye tirisong dikgato tse di jaaka tseno.

Bakaulengwe,

Tshenyegelo e e tonagadi go di gaisa, eo re ka ratang gore Palamente e e tseetsia, ke tlhokomelo ya diteropokgolo di le pedi, e leng Pretoria jaaka ya botsamaisi le Motsekapa jaaka ya teropokgolo ya peomolao.

Re dumela gore ntlha eno e tla tlhoka go tseewatsia ke Palamente mo nakong e e sa fediseng pelo.

Bakaulengwe,

Rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e tshameka go fetola seemo sa ikonomi ya rona ka go fokotsa ditshenyegelo. Re tla nna mo boimeng mo nakong e e rileng, fela fa maemo a ikonomi a boela sekeng, re tla nna motlotlo go bo re tsere dikgato tse di siameng.

Bakaulengwe,

Jaanong ke rata go ka le begela ka dikano tse re di dirileng mo ngwageng o o fetileng.

Mo Puong ya Maemo a Setšhaba ya Tlhakole 2015

ke tlhagisitse Leano la Dintlharobongwe le le tla tsibogelang go itharabologela ga kgolo ya ikonomi ya rona e e gogang maoto.

Leano la Dintlharobongwe le akaretsa:

a. Go tsosolosa temothuo le lekala la tlhagiso ya dijo tse di boleng;
b. Go atisa dipoelo kgotsa go oketsa boleng mo khumong ya rona ya dimenerale;
c. Go tsenngwa tirisong go gongwe go go gagametseng ga Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP) go go leng mosola;
d. Go bulwa ga bokgoni jwa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwane (di-SMME), dikoporasi, dikgwebo tsa kwa makeišeneng mmogo le tsa kwa metseselegaeng;
e. Go rarabolola dikgwetlho tsa motlakase;
f. Go ela tlhoko dikgogakgogano tsa kwa ditirong;
g. Go rotloetsa dipeeletso tsa makala a poraefete;
h. Go godisa ikonomi;
i. Go tsenelela mo mafelong a a farologaneng go ka tshegetsa le go abelana ikonomi;
j. Boitshimololedi jwa saense le thekenoloji
k. Metsi le kgeleloleswe
l. Mafaratlhatlha a dipalangwa
m. Dikabelotirelo tsa porotebente
n. Di-SOC

Re gatetsepele thata mo go tsenyeng tirisong leano leno.

Go na le kgatelopele mo go direng gore kabelo ya ditirelo tsa motlakase e se tsewe ke phefo. Fa e sale ka Phatwe ga re ise re iponele kgaolo ya motlakase, e leng seo se imolotseng maphata ka bobedi e leng la malapa le la diintaseteri.

Puso e beeleditse R83 bilione mo Eskom go e kgontsha go tswelapele ka go beeletsa mo diteišeneng e leng sa Medupi le sa Kusile, fa e santse e kakatletse ka manaane a yona a a dirang bontle a ntšhwafatso.

Diyuniti tse dingwe gape go tswa kwa seteišeneng sa Ingula di tla tsenngwatirisong ka ngwaga wa 2017, le fa e le gore tse dingwe tsa tsone di tla lekelelwa monongwaga.

Lanaane le le buletsweng go ka tsenelwa ka bontsi la Batlhagisi ba ba Ikemetseg ba Motlakase o o Ntšhwafatsegang le ngoketse dipeeletso tsa R194 bilione.

Dikgato tseno ke sekai se sentle se se bontshang ka fao puso e ka dirisanang le lekala la poraefete go tlhagisa ditharabololo tse di kgonegang kgatlhanong le kgwetlho e e tobileng naga ya rona.

Mo ngwageng ono wa 2016, puso e tla tlhopha batsenedi ba ba gapileng go ka nna batlhagisi ba ba ikemetseng ba malatlha.

Dikopo tsa go tlisa Ditshwaelo le tsone di tla ntshiwa mo kgatong ya ntlha ya go tsenela dipulelo tsa go tlamela ka gase.

Lenaane la katoloso ya motlakase go leba go wa nyutlilea e santse e le karolo ya bokamoso jwa rona mo go tswakeng motlakase.

Leano la rona ke go tsenya tirisong dimekawate di le 9 600 tsa motlakase wa nyutlilea mo dingwageng di le 10 tse di latelang, mo godimo ga tsamaiso ya ga jaana ya Bodutelo jwa Motlakase wa Nyutlilea ya Koeberg.

Re tla lekola dimaraka go batlisisa bonnete jwa ditlhwatlhwa tsa go aga bodutelo jwa nyutlilea jwa segompieno.

Nte ke gatelele gore re tla ntsha ditheko tsa nyutlilea go ya fela ka gore ke seo naga ya rona e ka kgonang go se duelela go ya ka tlhwatlhwa le lebelo.

Bakaulengwe,

Puso ya rona, ka Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, e tlhagisitse merokotso e le mmalwa mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng go ka tshegetsa dipeeletso mo makaleng a tlhagisodikuno bogolosegolo mo makaleng a masela, letlalo le a dikoloi.

Go dirilwe kgatelopele mo lekaleng leno.

Merokotso mo lekaleng la dikoloi le ngoketse dipeeletse tse di fetang R25 bilione mo dingwageng tse di fetang di le tlhano tse di fetileng. Re amogetse dipeeletso tse di botlhokwa go tswa kwa Mercedes, General Motors, Ford, Beijing Auto Works, Metair, BMW, Goodyear le VW.

Lekala la diaparo le masela le lone le thusitswe go tsetsepela sentle morago ga dingwaga di le mmalwa tse di boima.

Ditlamontsi tsa Boditšhaba tse di jaaka Nestle, Unilever Samsung le Hisense le tsone di netefaditse fa Aforika Borwa e le lefelo la bodutelo jwa tlhagisodikuno. Ba santse ba dirisa naga eno le go atolosa dipeeletso tsa bone ka go aga mafelo a bodutelo a mangwe.

Ke boammaruri gore kgatelopele e e dirilweng mo tlhagisodikunong e supile gore manaane a morokotso a mosola mo babeeletsing le go ba ngokela.

Bakaulengwe,

Ke tlhagisitse manaane a tsosoloso ya diphaka tsa temothuo mo ngwageng yo o fetileng. Re ne ra tsenya tirisong lenaane la Diphaka tsa Temothuo, leo maitlhomo a lone e leng go atolosa go tsaya karolo ga balemi ba bannye mo ditirong tsa temothuo.

Go agiwa go setse go simolotswe mo diphakeng tsa temothuo di ka nna di le tlhano, e leng tsa: Westrand kwa Gauteng, Springbokpan kwa Bokone Bophirima, Witzenberg kwa Kapa Bophirima, Ncora kwa Kapa Botlhaba le Enkangala kwa Mpumalanga.

Manaane a temothuo a tshwanetse gape go matlafatsa le basadi. Ntetleng go tlhagisa mofenyi wa Dikabo tsa Bommakgwebo tsa Ngwaga wa 2015, Mme Julia Shungube, go tswa kwa masepaleng wa kwa Nkomazi Mpumalanga.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba tlotlegang,

Pusetso ya dinaga e tswelela go nna ntlha ya botlhokwa jaaka re setse morago phetolothefosano.

Ke buile ka letlhomeso la pholisi ya 50/50 mo ngwageng yo o fetileng, le le tshitshinyang ditshwanelo tse di tshwanang tebang le batho ba ba nnang kwa dipolaseng mmogo le ba ba dirang kwa dipolaseng.

Ditshitshinyo di le 27 di amogetswe go tswa kwa balemiruing ba kgwebo mme di le nne di tsenngwa tirisong kwa Kapa Botlhaba.

Ke tlhagisitse gape le Molaotlhomo wa Molawanataolo wa Ditshwanelo tsa go nna Mong wa Naga e leng seo se tla bayang seelo se se lekanetseng sa go ka nna le naga ka bontsi jwa diheketara di le 12 000 mme gape o tla thibela le batswantle go ka nna beng ba dinaga ka fa nageng. Ba tla letlelelwa fela go hirisetswa mo pakeng e telele. Molaotlhomo o tla tlhagisetswa palamente mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga.

Re tsibositse gape le ka pulosešwa ya go tsenya ditopotuelo tsa dinaga mo bathong bao ba fetilweng ke letlha la bofelo la 1998. Palo ya ditopotuelo tse dintšhwa tsa dinaga tse di tsentshitsweng di ne di atumetse 120 000 ka Sedimonthole mo ngwageng yo o fetileng.

Bakaulengwe,

Jaaka re setse re itse gore ke diporofense di le tlhano tse di aparetsweng ke leuba la komelelo e leng Bokone Bophirima, KwaZulu-Natal, Foreisetata, Limpopo le Mpumalanga.

Puso e thusa ka go imolola ditšhaba tse di amegileng. Komelelo e e tsweletseng mo diporofenseng tsa rona tse dintsi e a tshosa. Leruo le a swa mme seno se imetsa lekala la temothuo. Tseno ke dinako tse di bokete e le ruri.

Puso e tla tswelela go thusa balemirui mmogo le go tswelela go romela ditirelo tsa diteroko tsa ditanka tsa metsi kwa baaging. Nteng ke tseye tšhono eno go tlotlomatsa dikgato tsa baagi, Operation Hydrate le tse dingwe mo go abeleng ditšhaba tse dintsi mentsi fa di ne di le mo tlalelong.

Go agiwa ga mafaratlhatlha a metsi go santse go le botlhokwa gore re kgone go oketsa phitlhelelo ya metsi mo bathong ba borona le mo diintasetering tsa rona.

Kgato ya ntlha ya porojeke ya Koketso ya Metswedi ya Metsi a dinoka tsa Mokolo le Crocodile kwa karolong ya Lephalale kwa Limpopo e setse e dira ka botlalo. E tla aba metsi a le dikhubikimitara di le 30 milione ka ngwaga.

Go oketsa lebota la Letamo la Clan William kwa Kapa Bophirima go raya gore go okediwa letamo leo ka dimitara di le 13 go abelana ka metsi amangwe.

Go fokotsa tshenyo ya metsi, Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le simolotse ka lenaane la lone la go katisa bašwa ba le 15 000 go ka nna badirikadiatla.

Mme Mmusakgotla, Mme Modulasetilo,

Mo go tokafatseng dikamano tsa merero ya badiri, re amogela kutlwanelo e e utlwanetsweng ke balekane ba loago kwa Nedlac mabapi le motheo wa mogolo o o kwa tlase wa bosetšhaba.

Ditsereganyo di a tswelela tebang le maemo ao mogolo o o kwa tlase o tshwanetseng go nna ka gone.

Go botlhokwa go gatelela gore mogolo o o kwa tlase wa bosetšhaba o tshwanetse go amogelwa ka tsela e e sa kgoreletseng dikgato tsa go tlhola ditiro, go atlega ga dikgwebopotlana kgotsa kgolo ya ikonomi e e kakatletseng.

Re rotloediwa gape le ke pegelo ya Nedlac e e reng letlhomeso la go tlhokomela maraka wa badiri ka go fokotsa nako eo ditshupetso di e tsayang mmogo le go fedisa dintwa mo nakong ya ditshupetso e a konosediwa.

Re utlwile dingongorego tsa mekgatlho ya badiri tse di ka ga Molao o o Baakantsweng wa Melao ya Lekgetho o ke o saenetseng gore e nne molao ka Sedimonthole, morago ga gore o amogelwe ke Palamente.

Puso e buisana le COSATU ka ntlha eno mme go batlwa tharabololo.

Dipuisano gape di tsweletse ka fa pusong, tse di eteletsweng pele ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago mmogo le la Matlole a Bosetšhaba, tebang le konosetso ya pholisikakaretso ya tshireletso mo go tsa loago.

Bakaulengwe,

Ke fela mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, fa lekala la rona la meepo le ne le le mo ditsuatsueng, bogolosegolo mo meepong ya polatinamo.

Seemo se tokafetse mme re akgola maphata a kgwebo le a badiri tebang le kgatelopele e e dirilweng.

Enngwe ya dikgato tse di tlhageletseng mo lekaleng la meepo e nnile Maikano a Baeteledipele a go Boloka Ditiro a a saenilweng ke bannaleseabe ba intaseteri ya meepo ka Phatwe 2015.

Re ikuela mo maphateng ao go tsenya tirisong tumelano eo le go tswelela go senkana le ditsela tsa go boloka ditiro. Re ikuela mo dikgwebong gape gore phokotso ya badiredi ga e a tshwanela go nna kakanyo ya ntlha eo ba e tsayang fa ba tobana le dikgwetlho.

Bakaulengwe,

Ka 2014 re thankgolotse mokgwatiriso o o itsegeng thata wa Operation Phakisa wa Dipoelo tse Kgolo tsa ka Bonako mme ra o tsenya tirisong mo makaleng a ikonomi ya kwa mawatleng, a boitekanelo, a thuto le a moepo.

Go tla dirisiwa R7 bilione mo mafelotirisong a boemelakepe a mantšhwa, go latela kamogelo ya mokgwa wa Tirisanommogo ya makala a Poraefete le a Puso tebang le tlhabololo ya mafaratlhatlha a boemelakepe ka Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba jwa Transnet.

Bakaulengwe, re ne re tshwenyegile gore Aforika Borwa ga e na le ka seketšwana mme re dikaganyeditswe ke dikhilomitara di le 3 000 tsa losi lwa lewatle.

Ka kgaolo ya Ikonomi ya kwa Mawatleng ya Operation Phakisa, re leka go ka rarabolola kgwetlho eno. Ke itumetse gore dikepe di le pedi tse di rwalang dithoto di kwadisitswe kwa Port Elizabeth, le sa boraro kwa Motsekapa jaaka tsa folaga ya Aforika Borwa.

E nngwe ya ditlhagiso tse di itumedisang tsa Operation Phakisa ke thankgololo ya lefelo la go boloka peterole mo Motsekapa, e leng se se tlisang dipeeletso tsa bokanaka R60 milione.

Bolemirui jwa Bolelokotlhapi bo itlhagisa bo le karolo e e botlhokwa mo kgolong ya Ikonomi ya kwa Mawatleng ya Operation Phakisa.

Madi a a ka fitlhang go R350 000 a peeletso ya makala a poraefete e beetswe go dirisiwa mo lekaleng la Bolemirui jwa Bolelokotlhapi. Dipolasa di le robongwe tsa Bolemirui jwa Bolelokotlhapi di setse di tlhagisa dikungo. Dipolasa tseno di kwa Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal, Kapa Bophirima le kwa Kapa Bokone.

Re tswelela go babatsa boitshimololedi mo lenaaneng la Leano la Dintlharobongwe.

Lefapha la Saense le Thekenoloji le tla konosetsa letloletlamelo la Boitshimololedi jo bo kwa Setlhoeng, e leng tirisanommogo ya tlamelo ka matlole ya maphata a puso le a poraefete ka maikaelelo a go dira gore boitshimololedi jwa makala a puso le a poraefete bo tsenngwe mo dikgwebong.

Puso e tla sala morago go tsenngwa tirisong ga kgato ya ntlha ya go tsenngwa tirisong ga porotebente go ka gokaganya mafelotirelo a feta a le 5 000 a puso mo dimasepaleng tsa kgaolo di le robedi mo sebakeng sa dingwaga di le tharo.

Tlamelomatlole e e ka fitlhang go R740 milione mo sebakeng sa dingwaga di le tharo e setse e abilwe mo ntlheng eno.

Bakaulengwe,

Tiro e ntsi e dirilwe mo lekaleng la tsa loago mmogo le mo ngwageng yo o fetileng.

Puso e tsibogetse tlhaelo ya matlole e e tlhagelelang ka ntlha ya go se nameletswe ga dituelo tsa dithuto tsa yunibesiti, jaaka go utlwanetswe mo kopanong ya baithuti le ya Batsamaisi ba Diyunibesiti mo ngwageng yo o fetileng.

Tona ya Matlole o tla neelana ka dintlha ka botlalo ka ga ditlhaelo tsa tlamelo ka matlole a thuto mo Puong ya Tekanyetsokabo.

Ke thapile Khomišene ya Ditshekatsheko tsa Bosiamisi mo thutong e kgolwane. Re ikuela mo go bannaleseabeng botlhe go dirisana mmogo le Khomišene eno le go netefatsa fa e atlega.

Mo ntlheng ya boitekanelo, pakatshelo ya maAforika Borwa ya banna le basadi ka bobedi e tokafetse thata mme ga jaana e mo dingwageng di le 62 mo bong ka bobedi, e leng koketsego ya dingwaga di le 8 le halofo fa e sale ka 2005.

Pholisi ya go fetola seemo sa HIV ka 2009 e dirile gore go nne le thologelo e kgolo ya diteko le kalafo ya HIV mo bathong ba le 3.2 milione ba ba tshelang ka kokwanatlhoko eno. Seno se thusitse thata mo boitekanelong le mo matshelong a matelele mo go bao ba tshwaeditsweng.

Re akgola seabe sa balekana ba Lekgotlha la Bosetšhaba la Aids la Aforika Borwa leo le eteletsweng pele ke Motlatsamoporesitente.

Kgato e re tla e tsayang e tla nna ya go tsosolosa matsholo a thibelaketegelo bogolosegolo mo bašweng. Tona ya Boitekanelo mo nakong e e sa fediseng pelo o tla tlhagisa letshologadi mo ntlheng eno.

Gape ke motlotlo gore ke itsese gore Setlamo sa Melemo sa Puso, Ketlaphela, se tlhomilwe. Setlamo seno se tla nna le seabe mo go tlameleng Lefapha la Boitekanelo ka melemo ya anthiritrobaerale go simolola ka ngwaga wa matlole wa 2016/17.

Go santse go sa le jalo, Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo ka ga Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) lo phasaladitswe ka Sedimonthole maitlhomo e le go tokafatsa tlhokomelo ya boitekanelo mo baaging botlhe ba Aforika Borwa.

Bakaulengwe,

Ditlhopho tsa dipusoselegae di tla tshwarwa mo dikgweding di le tharo morago ga la bo 18 Motsheganong 2016 e leng letlha la bofelelo la ditlhopho. Re ikuelela mo baaging botlhe ba ba leng kwa godimo ga dingwaga di le 18 go ikwadisetsa go tlhopha mo bekeng ya ntlha ya ikwadiso, ka la bo 5 le la bo 6 Mopitlwe 2016.

Re ikuelela bogolosegolo mo bašweng bao ba tshwarang dingwaga di le 18 monongwaga, go ikwadisa ka makatlanamane mo lekgetlhong la ntlha la tšhono ya bone ya go tsenya ditlhopho lwa ntlha mo matshelong a bone.

Leano la rona la tsosoloso ya pusoselegae la Go boela kwa Tshimologong le le thankgolotsweng ka Lwetse 2014 le 2015 le dirile gore re nne le ngwaga o o tlhamuketseng ka go le tsenya tirisong.

Mo kgatong eno ya bobedi ya go le tsenya tirisong, puso ya bosetšhaba e tla samagana le dikgato tse dintsi tse di mosola e bile di na le maikarabelo.

Seno se akaretsa maeto a a sa reriwang a go etela dimasepala, tekolo e e tseneletseng ya thulaganyo ya botsamaisi jwa tlamelo ya taolo ya dithoto, go kgotsofadiwa ga ditshwaelo tse di dirilweng mo pegelong ya bolekodi, maeto a go etela diporojeke tse di tlamelwang ka matlole ke Letlole la Mafaratlhatlha a Masepala mmogo le koketso ya ditsereganyo go ka thusa dimasepala tse di kgaratlhang.

Leano la dintlhasome la Go Boela kwa Tshimologong la dikgato tse di kwa setlhoeng le tlhagisitswe go ka supetsa tsela kgato e e latelang. Leano leno le akaretsa thotloetso ya dipuisano le setšhaba, e leng se se botlhokwa thata go kgontsha ditšhaba go latlhela tlhware logong ka ga maitemogelo a bone a pusoselegae.

Ke setse ke tsere loeto kwa renkeng ya dibese le ya dithekisi ya Marabastad kwa Pretoria ka Mosupologo go buisana le banamedi le barekisi ba mo mebileng. Bontsi jwa dingongorego le matshwenyego a a tlhagisitsweng di amana le ditirelo tsa masepala.

Ba batla gore masepala wa Tshwane o phepafatse tikologo eo le go baakanya dipeipi tsa kgelelaleswe tse di thubegileng. Barekisi bano ba buile fa ba tlhoka seo mme ba itukiseditse le go ka duelela ditirelo tseo.

Ba ntsibositse gore batho ba bantsi kwa Elandspoort ba neewa dintlo tsa di-RDP mme mo legatong la gore ba nne mo go tsone ba di rekisa kgotsa ba di hirisetsa batho ba bangwe. Mme Baloyi yo a nang le sekalebentlele o ngongoregile thata ka bao ba gogang Nyaope mme ba utswetsa barekisi.

Banamedi ba bangwe ba ntheile ba re ke tshwanetse ke tle go etela Kwaggafontein eo e leng mo lefelong leo mo malobeng le neng le itsege ka KwaNdebele mme ke tle go iponela ka fao go senang kabo ya ditirelo ka gone. Ke tlo etela lefelo leo mo nakong e e sa fediseng pelo.

Ke kgonne gape le go buisana le batswantle bao ba ngongoregileng ka gore ba ema mela e metelele letsatsi lengwe le lengwe go dira dikopo tsa makwalo kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. Re tla tswelela go etela baagi go utlwa dingongorego le ditshitshinyo tsa bone. Dintlha tse di tlhagisitsweng mo leetong leno di tla salwa morago ke mafapha a a maleba.

Bakaulengwe,

Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa di fetola mekgwa ya go dira dilo mme se amogetse mokgwa wa Go Boela kwa Tshimologong mo botsamaising go ka agasešwa setheo seno le go ka tokafatsa tiro ya sone mo diteišeneng tsotlhe tse di sa direng sentle.

Re tlhagisa gape ka kutlobotlhoko mapodisi a le 57 a a setseng a bolailwe go fitlha ga jaanong mo ngwageng wa matlole wa 2015/16. Re nyefola ka bogale bosenyi jono. Re ikuela mo mapodising go itshireletsa fa ba lwantshiwa, go ya ka molao.

Bakaulengwe,

Kontinente ya Aforika e tswelela go nna botlhokwa mo dipuisanong tsa dipholisi tsa dinaga tsa kwantle.

Aforika Borwa e tsweletse go tshegetsa kagiso le tshireletso mmogo le tshwaragano ya ikonomi ya tikologo ka go nna le seabe mo matsholong a Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) le a Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC).

Re tsweletse go tshegetsa dinaga tsa boagisani mo go rarabololeng mathata a tsone, sekao kwa Lesotho le South Sudan.

Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) se emetse naga ka bogatlhamelamasisi le ka motlotlo mo go babaleleng kagiso mo kontinenteng. Re motlolo e le ruri ka sesole sa rona. Ba tla bo ba bontsha bokgoni jwa bone kwa Port Elizabeth go simolola ka la bo 13 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole, ka mokete wa Letsatsi la Sesole se se Tlhometseng.

Tumelano ya dinaga tsa BRICS e e ka ga Bankatlhabololo e Ntšhwa kgotsa Banka ya BRICS e tsentswe tirisong mme banka eno e solofelwa fa e tla samagana le porojeke ya yone ya boikaniso ka Moranang monongwaga.

Re nnile le seabe mo Samiting ya India-Africa gape le mo Foramong ya Tirisanommogo magareng ga Aforika le China jaaka re natlafatsa tirisanommogo e e botlhokwa eno.

China e tsibositse dipeeletso tsa bokanaka $50 bilione moo Aforika Borwa e tla amogelang $10 bilione ya tlhabololo ya mafaratlhatlha, diintaseteri le bokgoni.

Mo koporasing ya North-South, re tsweleditse dipuisano tsa rona le Dinagakopano tsa Yuropa (EU) jaaka setlhopha se se leng molekane wa rona yo mogolo wa kgwebisano le wa mobeeletsi wa kwantle.

Ditlamo di feta 2 000 tsa EU di dira ka fa nageng ya Aforika Borwa mme di tlhodile ditiro di le 350 000.

Dikamano tsa Aforika Borwa le Amerika mmogo le Canada di tswelela go natlafala, bogolosegolo mo dikarolong tsa ikonomi, boitekanelo, thuto, motlakase, metsi, pabalesego le tshireletsego, kago ya bokgoni le matlafatso ya basadi.

Ntšhwafatso le katoloso ya Molao wa Kgolo ya Ikonomi le ya Ditšhono wa Aforika (AGOA) o tlhagisa serala sa thuso ya diintaseteri le sa tirisanommogo ya dikgaolo. Dintlha tsotlhe tse di saletseng morago tsa AGOA go samaganwe le tsone.

Bakaulengwe,

Re lakaletsa matlhogonolo baatlelete botlhe ba ba nnileng le matshwanedi a go tsenela Metshameko ya Diatlelete e e tla tshwarelwang kwa Rio de Janeiro. Re rotloetsa go nneng le seabe gono ka manaane a le mmalwa a a ikemiseditseng go rotloetsa botshelo jo bo itekanetseng mmogo le go tshwaraganya setšhaba.

One a akaretsa Letsatsi la Boitapoloso la Bosetšhaba, Letsatsi la Metshameko le Setso la Nelson Mandela, Letsatsi la Lefatshe la Boitekanelo la go Tsamaya ka Dinao, Metshameko ya Gauta mmogo le Letsatsi la go Ithuta Kolofo la Andrew Mlangeni.

Bakaulengwe,

Go tlhomilwe komiti e e tla rulaganyang gonneng le seabe ga bagale ba botsweretshi jwa rona mo ditirong tsa go tshwaraganya setšhaba sa naga ya rona.

Komiti ya Bagale ba ba Santseng ba Tshela e eteletswe pele ke mokwadi wa metshameko Rre Welcome Msomi a dira mmogo le setswerere sa mmino, Mme Letta Mbulu, jaaka Motlatsamodulasetilo.

Re itumetse gape gobo ditswerere tsa mmino le batshameki gareng ga ba bangwe ba bo ba utlwile boikuelo jwa rona jwa go tshwaragana le go bo ba tlhomile Mokgatlho wa Diintaseteri tsa Botsweretshi wa Aforika Borwa. Kantoro ya Moporesitente e tlhomile Setlhophatiro sa Diintaseteri tsa Botsweretshi go ka tshegetsa batshameki ba rona.

Bakaulengwe,

Gore re kgone go ka fitlhelela maikemisetso a rona a go tlhola ditiro, go fokotsa tlhokotekatekano le go busetsa morago dikgwetlho tsa lehuma re tla tlhoka kgolo e e lebelo ya ikonomi.

Mo NDP, re ne re ipeetse dipeelo tseo re neng re ka rata go ka di fitlhelela tsa kgolo ya ikonomi ka 5% ngwaga mongwe le mongwe, e leng tseo re neng re solofetse go ka di fitlhelela ka 2019.

Jaaka ke setse ke tlhagisitse maemo a ikonomi kwa tshimologong, go tlhamaletse gore ga re kitla re fitlhelela dipeelo tsa kgolo ya ikomi ka nako eo re neng re solofetse go ka di fitlhelela ka yona.

Maemo a a bokete a ikonomi ya lefatshe le ya fa gae a tshwanetse go re rotloetsa mo matsapeng a rona, go dira mmogo jaaka re le makala otlhe. Mo ntlheng eno, go botlhokwa go tsaya dikgato ka botlhale go fedisa dikgoreletsi tsa kgolo ya ikonomi tsa fa gae.

Re ka se kgone go fetola maemo a ikonomi ya lefatshe, fela go dilo di le dintsi tse re ka di dirang go fetola maemo a ikonomi ya fa gae.

Tla re direng mmogo go fetola seemo seno. Seno se ka kgonagala.

Ke a leboga.