Back to top

Primary tabs

Puo ya Maemo a Setšhaba ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka tiragalo ya kopanotshwaraganelong ya Palamente, Motsekapa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA),
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetulo wa NCOP,
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki, Motlotlegi Cyril Ramaphosa,
Motlatsamoporesitente wa maloba, Kgalema Motlanthe,
Motlotlegi Moatlhodimogolo wa Rephaboliki, le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa Bosiamisi,
Ditona le Batlatsatona ba ba Tlotlegang,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae tsa Aforika Borwa, le boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae,
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi,
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Karolo ya bo 9 tsa Puso tseo di Tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo,
Baeteledipele go tswa kwa maphateng otlhe,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Ditokololo tse di Tlotlegang,
Baeng ba ba kgethegileng,
MaAforika Borwa ka nna.

Good evening, sanibonani, molweni, riperile, dumelang, ndi madekwana, goeie naand.

Ke motlotlo go bua le lona ka Puo ya Maemo a Setšhaba ya puso ya botlhano ya temokerasi.

E re ke simolole ka go lebisa matshediso a rona a khutsafalo ya go latlhegelwa ke Mokwaledi wa Palamente, Rre Michael Coetzee.

Go nneng le karolo gwa gagwe mo kgaratlhelong ya kgololosego le temokerasi ga go kitla go lebalwa.

Mo bekeng e e fetileng re latlhegetswe gape le ke mme wa rona, Mama Epainette Mbeki. Kaelo le botlhale jwa gagwe di tla gopolwa kagale. Re lebisa matshediso a kutlobotlhoko ya rona kwa lelapeng la ga Mbeki.

Kutlobotlhoko ya rona di lebisiwa kwa malapeng a ditokololotsa Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa sa Bosetšhaba (SANDF) tseo di tlhokafetseng setlhogo mo tshubakanyong ya mmalefetlhwana kwa Mpumalanga gompieno fa ba ne ba ikatisa. Bao ba tswileng dikgobalo re ba lakaletsa pholo ya ka bonako.

Bakaulengwe,

Mo malobeng re tswile mo ditlhophokakaretsong tse di atlegileng tsa bosetšhaba tseo di neng di tshwerwe ka la bo 17 Motsheganong. Re na le maikaelelo a go dirisana le ditokololotsotlhe kwa Palamenteng jaaka re tla bo retsweletsa pele Aforika Borwa.

Ka Puo ya Maemo a Setšhaba ya Tlhakole, ke nopotse naane a a monate ya Dingwaga di le 20 tsa kgololesego le temokerasi.

Re totobaditse gore Aforika Borwa ke lefelo le le botoka thata go nna mo go lone go gaisa ka moo le ne le le ka teng ka 1994, le gore matshelo a dimilionemilione tsa batho a tokafetse.

Le fa go le jalo, Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le Pegelo ya Ditlhotlhomiso mo Dingwageng di le Masomamabedi di nopola dikgwetlhotharo tsa lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro gore di tsweletse go ama matshelo a batho ba bantsi.

Jaaka re tsena mo kgatong ya bobedi ya phetogo go tloga mo setšhabeng sa tlhaolele go tsena mo go sa temokerasi ya bosetšhaba, re tshwanelwa ke go tsena mo phetogong e e matlhagatlhaga ya ikonomi ya loago go busetsa morago dikgwetlhotharo tseno.

Phetogo ga e kitla e tlhagelela ntle le ditsereganyo tse di tseneletseng.

Re tsentshitse tirisong Lenaane la Tiro le le ikaegileng ka Lekwalo la Boikemisetso la ANC le ka NDP.

Ikonomi ke yone ya botlhokwa mo lenaaneng leno. E santse e le tumelo ya rona e e nonofileng gore sebetsa se se bogale mo letsholong le le kgatlhanong le lehuma ke, go tlhama ditiro tse di seriti, le gore go tlhama ditiro go tlhoka kgolo e e bonako ya ikonomi.

Re ipeetse phitlhelelo ya kgolo ya bokanaka 5% ka 2019. Go fitlhelela seno, re tla ikamanya le mekgwa le ditsereganyo tse di farologaneng go tshegetsa ikonomi.

Re ipeetse phitlhelelo eno mo nakong e e neng e le boima thata. Ikonomi e wetse tlase go gaisa bokgoni jwa yone mo dingwageng di le tharo tse di fetielng mme malapa a mantsi a itemogela matsapa.

Kgolo e e bonya eno mo letlhakoreng le lengwe e bakilwe ke go tsamaya ka bonya ga ikonomi ya lefatshe mme sabaki sa bobedi ke maemo a fa gae, a a jaaka ditshupetso tse di tsayang nako e telele mme ka dinako tse dingwe di na le merusu, mmogo le go tlhaela ga motlakase.

Ka ntlha ya seemo se se sa fetogeng sa tikologo ya bodiredi mo ikonoming, go botlhokwa thata gore badirisani ba loago ba kopane le go tsereganya mo ditshupetsong tseno tse di merusu tse di tsayang nako.

Badirisani ba loago gape ba tla tshwanelwa le ke go tsereganya le mo dituelong tse di sa lekalekaneng tsa megolo. Mo letlhakoreng la rona jaaka puso mo pusong ya ga jaanong re tla batlisisa kgonagalo ya go ka nna le mogolo wa bosetšhaba o badiri ba lokelwang ke go o bona jaaka karolo e e botlhokwa ya mekgwa ya go fokotsa go se lekalekane ga megolo.

Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla rulaganya puisano ya badirisani ba loago e e lepaneng le melao ya Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le ya Ditiro.

Sa bobedi, Mmuso o tla tshameka karolo ya one mo go tsenyeng ditshwaonaga tsa Letlhomeso la Tumelano ya Intaseteri ya Meepo ya Leruri eo e tsenetsweng ke badiredi, kgwebo le puso mo ngwageng yo o fetileng, ka ketopele ya ga Motlatsamoporesitente wa maloba, Kgalema Motlanthe.

Mokgwa yo jaanong o tla etelelwapele ke Moporesitente.

Re tla rwala maikarabelo a go aga dintlo le ditirelo tse dingwe go tsosolosa diteropo tsa meepo, jaaka karolo ya tumelano ya Diphalane 2012 magareng ga kgwebo, puso le badiri.

Mogopolo o tsepamisitswe mo mafelong a meepong ya Matlosana, Emalahleni, Sekhukhune, Lephalale, West Rand le Matjhabeng.

Komiti ya Ditona tsa fa Gae mabapi le Tsosoloso ya Ditšhaba tsa Meepo tse di nang le Matsapa e tlhomilwe mme e etilwe pele ke Tona ka kwa Kantorong ya Moporesitente e e samaganeng le Lefapha la Maano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro rre Jeff Radebe.

Ditokololotsa komiti di akaretsa Ditona: ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale, ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri, ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, ya Lefapha la Ditiro, ya Lefapha la Manno a Batho, ya Lefapha la Boitekanelo, ya Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le Matlole

Go tokafatsa go ya pele mafelo a a botoka a go tshelela mo go one mo badiring ba meepo, puso e tlhomile leitlho kobamelomolao ya ditlamo tsa meepo mabapi le dipeelo tsa Tumelano ya Meepo tse di tsamaisanang le go tokafatsa seemo sa madulo a badiri.

Ditlamo di solofetswe go fetola/go godisa dihosetele gore di nne magae a go ka dulang malapa, go bona lebelo la go abela motho a le mongwe phaposi ya gagwe mmogo le go tsamaisa itlhophelo ya go ka nna le dintlo mo badireding ba meepo.

Re ikuela mo ditlamong go ka fitlhelela letlha la bofelo mabapi le dipeelo tseno le go tsenyeletsa badiredi ba meepo mo tokelong ya go nna le seriti.

Ditokololotse di Tlotlegang,

Dipeeletso tse di kwa tlase ke dikgoreletsi tse di botlhokwa mo kgolong ya ikonomi. Re ikemiseditse go dirisana le lephata la poraefete go tlosa dikgoreletsi mo dipeeletsong. Re ka rata go bona lephata la poraefete le ka re tsibogela ka tshepo mo ikonoming jaaka re le lephata la bosetšhaba.

Re tla tswelapele go ikamanya le dikgwebo mo go rotloetseng kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe mmogo le mo go ageng setšhaba se se atlegang. Mo ntlheng eno, ke tla tshwara kopano ya Setlhopha sa Moporesitente sa Ditiro tsa Dikgwebo mo nakong e khutshwane.

Morago ga kopano ya bofelo ya Setlhopha sa Ditiro mo ngwageng yo o fetileng, dikarolo di le thataro tsa ditiro di ne tsa tlhomiwa mme tsone di ntse di atlhaatlha ditharabololo mabapi le dikgoreletsi tse di farologaneng mo go direng kgwebo mo Aforika Borwa.

Dintlha tseno di tlhagisitswe gape le ke beng ba dikgwebo mmogo le Batlhankedikhuduthamagabagolo ba ditlamo tse dikgolo bao ke neng ke ba amogetse mo makgetlong a le mararo a a kgaoganeng a ditiro kwa Mahlamba Ndlopfu ka Ngwanaitseele le Sedimonthole mo ngwageng yo o fetileng.

Kopano e e latelang ya Setlhopha sa Ditiro e tla tsweletsapele tirisanommogo ya mabapi le kgolo e e akaretsang botlhe le tlhabololo ya leruri.

MaAforika Borwa ka nna,

Re tshwanetse go sekegela tsebe ka tshwanelo dikgwetlho tsa motlakase gore re age tikologo e e siameng ya kgolo.

Lenaane le le atlegileng la motlakase le le fetotseng matshelo a malapa a mantsi le fitlheletswe ka go dirisa motlakase o o itiretsweng wa masaledi, mme o ne o sa direlwa go ka abela matšhwititšhwiti ka motlakase.

Seemo seno se tlhoka phetogo e e ka bonako ya lekala la motlakase gore le tlhabolole motswako wa motlakase wa leruri o o akaretsang malatlha, motlakase wa go fetlhiwa ke letsatsi, motlakase wa go fetlhiwa ke phefo, motlakase wa go fetlhiwa ke metsi, gase le maatla a nyutlilea.

Diphetogo di tla tlhoka diphetogo tsa sebopego mo mokgweng yoo mafapha a puso a bopegileng ka one, go akaretsa le dikgwebo tse di amegang tsa puso le intaseteri yotlhe mo go baakanyeng dikgwetlho tsa motlakase.

Leano la motlakase gape le ikuela gore go okediwe madi le badiredi mo lekaleng la motlakase.

Re tla tlhoka gape le go nopola mekgwa ya boitlhamedi mo go fitlheleleng ditheko le ditirelo tsa puso mo lekaleng la motlakase.

Go itukisetsa bokgoni jwa setheo, re mo tseleng ya go fetola Kabinete ya Komiti ya Kgokaganyo e Kgolo ya Motlakase le Nyutlilea go ka nna Komitinnye ya Kabinete ya Tshireletso ya Motlakase.

Komitinnye e tla samagana le diphoso, dikgokaganyo le taolo ya ditiro tsa lekala la motlakase.

Komitinnye gape e tla netefatsa gore Eskom e bona tshegetso yotlhe e e e tlhokang go diragatsa tiro ya yone le gore e tswelapele go tsepamisa mogopolo mo maikaelelong le mo dipeelong tsa yone.

Gore re fitlhelele maikaelelo a rona a tshireletsego ya motlakase, ditlamo tsa puso tse di amegang mo lekaleng la motlakase tse di jaaka Eskom, Koporasi ya Motlakase wa Nyutlilea ya Aforika Borwa le Setheo sa Botlhokwa sa Letlole la Motlakase ba tla tshwanelwa ke go itlwaetsa ditiro tse di fetotsweng gore ba fitlhelele maikaelelo ano.

Tiro e tshwanetswe go diriwa mo legatong la setegeniki mo mekgweng yotlhe ya motlakase bogolosegolo mo motlakaseng wa nyutlilea le mo gaseng ya šale mo ntlheng ya go tlamelwa ka matlole, tshireletsego, dipatlisiso mmogo le motlhagisi wa dikarolo wa selegae.

Nyutlilea e na le bogkoni jwa go ka tlhagisa di-mekawate di le 9000, fa gase ya šale yona e bonwa e le se se ka fetolang tsotlhe mo ikonoming ya rona.

Re tla salamorago ntlha ya gase ya šale re lebile letlhomeso la rona la tikologo e e siameng.

Gape go na le ditiro tse di potlakilweng tseo re samaganeng le tsone, mo nakong e khutshwane. Kgatelopele kwa seteišeneng sa motlakase sa Medupi e tla gagamadiwa.

Maano a go tlamela ka matlole seteišenese se latelangsa motlakase wa go fetlhwa ka malatlha, Lelatlha la bo 3, le tla potlakisiwa gore thulaganyo ya go reka e simololwe.

Re tla simolola gape le tšhono ya bo 4 ya lenaane la batlhagise ba motlakase ba ba ikemetseng ba ntšhwafatso ya motlakase, go dirisa phefo, letsatsi, di-bayomas mmogo le dithekenoloji tse dingwe tse di oketsangtšhono ya tlhabololo ya metseselegaeng.

Mmusakgotla yo a Tlotlegang leModulasetuloyo a Tlotlegang,

Re tlhomile matlho kwa ntle ga molelwane wa rona tebang le tshireletso ya motlakase.

Ka Diphalane wa ngwaga yo o fetileng re saenetse Tumelano ya Porojeke ya Motlakase wa Metsi yaGrand Inga e le Puso ya Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo. Porojekee kgolo eno ya togomaano e na le bokgoni jwa go tlhagisa di-mekawate di le40 000 tsa Motlakase wa Metsi.

Naga ya rona e tla unngwelwa go utlwagala go tswa mo dipeelong tsa porojeke eno.

Go itukisetsa go tsenya tirisong leano la motlakase, re tshwanetse go konosetsa melao w e amanang le phetolo ya intaseteri ya motlakase jaaka go tlhalositswe mo go Molaotlhomo wa Bodiragatsi jwa Mebaraka ya Thulaganyo e e Ikemetseng, Leano la Didirisiwa tse di Kopantsweng mmogo le dipholisi tse dingwe tse di amang lekala la motlakase.

Ditokololo tse di Tlotlegang,
Baeng ba ba kgethegileng,
Re naga e e dirang.

Mo godimo ga ditsereganyo tse dintsi tsa tshireletsego ya motlakase, re tla tswelapele go tsenyatirisong Leano la Mafaratlhatlha la Bosetšhaba le le atlegileng, ka fa tlase ga bolaodi jwa Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha,go ralala naga ka bophara.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng re setse re beeleditse bokanaka R1 trilione mo mafaratlhatlheng a mašwa gore re kgone go aba metsi, motlakase, dipalangwa, kgeleloleswe, dikolo le ditleliniki mmogo le inthanete mo bathong ba bo rona.

Mo dingwageng di le tharo tse di latelang re tla dirisa R847 bilione mo mafaratlhatlheng mme diporojeke di se kae di tla simololwa kgotsa di tla konosediwa.

Go agiwa ga Letamo la Mzimvubu kwa Kapa Botlhaba le tla tsweledisiwapele, mmogo le go agiwa ga lebota la Letamo la Clanwilliam kwa Kapa Bophirima. Mo tsamaong ya dingwaga di le tlhano tse di tlang bontsi jwa tiro ya dikago mo Kgatong ya bo 2 ya Porojeke ya Metsi a Dithabeng tsa Lesotho e tla konosediwa.

Mo dingwageng tse di tlang di le tlhano re tla konosetsa go agiwa ga dijana tsa MeerKat di le 60 mme re simolole go aga dinakana tsa dijana tsa ntlha di le 100 tsa Arei ya Sekwere kilometara.

Re tla atolosa, ra ntšhwafatsa ra bo ra oketsa kgonagalo ya go ka fitlhelela tshedimosetso le mafaratlhatlha a ditlhaeletsano mmogo le ditirelo tsa ditlhaeletsano tsa eleketeroniki, go akaretsa le porotebente le kgaso ya sedijithale.

Kabinete mo ngwageng o o fetileng ka Sedimonthole e amogetse “South Africa Connect”, e leng Togamaano le Pholisi ya Porotebente go tsweletsapele maikaelelo ano.

Re tla tswelapele ka diporojeke tse dingwe tse di farologaneng tsa mafaratlhatlha tse di tla fetolang maemo a botshelo a batho ba borona le go rotloetsa kgolo ya ikonomi.

Bakaulengwe,

Lenaane la rona la diphetogo tsa ikonomi ya loago tse di gagametseng di tla okediwa le go feta ka go tsenya tirisong Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri.

Re tla rotloetsa go sekegela ditheko tsa fa gae le go oketsa tlhagiso ya fa gae ka go dira gore puso e reke 75% ya dithoto le ditirelo mo barekising ba Aforika Borwa.

Mo gare ga tse dingwe, re tla solamosola lekala la ntšhwafatso ya motlakase, botlhagise ba dibese, konteraka ya diterene ya R50 bilione mmogo le porojeke ya banamedi ya PRASA.

Gape mo tsamaong ya dingwaga di le tlhano e e tlang re tla rotloetsa tlhabololo ya ikonomi ya kgaolo mmogo le diintaseteri, ka go tlhoma Dikgaolotsa Ikonomi tse di Itlhophileng go ralala naga.

Re tla tswelapele go tshegetsa go gaisana ga diintaseteri tsa bobetladikoloi, borokadiaparo, botlhagisi jwa letlalo, ditlhako le masela ka merokotso, e leng tseo di nang le ditiro tse dintsi.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Le fa go na le dikgwetlho tse di gagametseng tsa dithekiso mo lefatsheng mo mebarakeng ya yone ya setlwaedi, lekala la bojanala la Aforika Borwa le tswetsepele go tlhagisa kgolo e e itumedisang ka 2013, ka go fitlhelela rekoto ya bogolo jwa baeti ba bojanala ba boditšhaba ba le 9,6 milione.

Batho ba rata naga ya rona mme ba tswela go etela Aforika Borwa.

Re beile dipeelo tsa go oketsa palo ya baeti ba boditšhaba ba ba gorogang ba go feta 15 milione ka ngwaga mo ngwageng wa 2017. Re lebeletse gape le go oketsa tsenyoletsogo ya bojanala mo letloleng la naga go ka feta R125 bilione ka 2017.

Mo dingwageng di le tlhano tse di tlang re tla potlakisa tshegetso mo dikgwebopotlaneng, go totilwe thata dikgwebo tsa kwa makeišenengmmogo le tsa kwa mafelong a baipei, go dirisiwa manaane a tlhabololo ya Dikgwebo tse Dinnye, tsa Bogareng le tse Dikgolwane mabapi le tshegetso e e atolositsweng ya bantsho mo ikonoming.

Gore re kgone go fetola go nna beng, balaodi le taolo ya ikonomi, re tla baakanya go tsenngwatirisong gwa tlhabololo ya Molao wa Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming mmogo le Molao wa Bothapi ka Tekatekano.

Re tla rotloetsa dikema tse dingwe gape tsa go nna le dišere tsa go nna beng mo setšhabeng le mo badireding mmogo le go rotloetsa go tsayakarolo ga borakgwebo ba bathobatsho mo go direng gape diintaseteri tsa ikonomi.

Bakaulengwe,

Dithoto tsa rona tsotlhe tsa Ditheo tsa Matlole a Tlhabololo di fitlha boleng jwa R230 bilione.

Le fa go le jalo, karolo ya bona mo tlhabololong ga e a atolosega ka matshwanedi mme manaane a bone a dipeeletso ga a gokaganngwe ka tolamo.

Ditheo di tla baakanngwa mo dingwageng tse di tlang di le tlhano gore di nne ditirelo tse di maleba tsa tlhabololo ya ikonomi ya loago.

Mo go yona ntlha eo, Postbank e tla tshegetswa gore e kgone go tshameka karolo ya boeteledipele mo kgodisong ya ditirelo tsa dibanka mo ba ba humanegileng le mo badiring.

Ditokololo tse di Tlotlegang,
Baeng ba ba kgethegileng,

Matlafatso ya bašwa e tla nna kwa setlhoeng mo lenaaneng la go fetola ikonomi. Puso e tla tlhagisa mekgwa e mengwe ya go potlakisa go thapiwa ga bašwa, e e tla tsamaisanang le Tumelano ya go Thapiwa ga Bašwa

Re tla oketsa diphatlha tsa boithuteditiro mo lephateng la puso, mo lefapha le lengwe le le lengwe mmogo le ditheo tsa puso di tshwanelwang ke go thapabaithuteditiro gore ba ba katisetse maitemogelo a tiro.

Lephata la poraefete le tsibogetse sentle gotsenngwa tirisong gwa go thapa ka go rokotswa ka lekgetho. Mo dikgweding di le tlhano fela, go na le bathapiwa ba le 133 000 ba ba unngwelwang le bathapi ba le 11 000 ba ba tsereng karolo mo sekemeng seno sa morokotso.

Bontsi bo thapilwe mo mabentleleng a magolo le a dithekiso, maphata a botlhagisi le a matlole.

Mmusakgotlayo a Tlotlegang,
Modulasetuloyo a Tlotlegang,

Go simolola ka 2004 puso e ntse e tsamaisaLenaanekatolosola Ditiro tsa Setšhaba (EPWP) le le atlegileng le le neelang ditšhono tsa ditiro le katiso mo ba ba senang ditiro.Kgato e ntšhwa e tla aba ditšhono di le dimilione di le thataro ka 2019. Re agelela mo godimo ga katlego ya dingwaga di le mmalwa tse di fetileng.

Re tlhodile ditšhono di ka fitlha dimilione di le nne mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Ditiro tsa tlhokomelo ya tikologo tsa EPWP tse di jaaka go dira ka leswe, go dira ka metswedi, go dira ka metsi, go dira ka molelo mmogo le lenaane la Ditirelo tsa Bašwa mo Tikologong di tla okediwa go fitlha ka 2019, ka maitlhomo a go tshegetsa tlhabololo ya bašwa.

Mo godimo ga foo, Lenaane la Tiro la Setšhabaleo le ikaegileng ka puso ya selegae le tla atolosiwa go abela ditšhono di le dimilione tsa ditiro kwa bokhutlhong jwa 2019.

Bakaulengwe,

Re nopotse temothuo jaaka karolo e e botlhokwa ya go tlhama ditiro. Peelo ya rona ke gorelephata la temothuo le tlhame ditšhono tsa ditiro di le milione ka 2030.

Puso e tla tlamela balemirui ba bannye ka tshegetso e e tlalang seatla ka go potlakisa pusetso ya dinaga le go ba tshegetsa ka setegeniki, mafaratlhatlha le matlole.

Tshegetso e tla abelwa gape le ditšhaba gore ba ikamanye le tlhagiso ya dijo le temothuo ya malapa go rotloetsa tlhagiso ya dijo e e sa tlhaeleng, ka go tsamaisana le lenaane la tlhagiso ya dijo la Fetsa Tlala.

Re tla potlakisa ditopotuelo tse di saletseng kwa morago tse di tlhagisitsweng pele ga letlha la bofelo la ngwaga wa 1998. Re tla bula gape le letlha la go tsenya ditopotuelo mabapi le dipusetso tsa naga mo dingwageng di le tlhano, mmogo le go rulaganya melao ya tsibogelo ya letlha la bofelo la 1913 mabapi le ba lotso lwa maKhoi le maSan.

Mmusakgotlayo a Tlotlegang,
Modulasetuloyo a Tlotlegang,

Dinaga tsa Sub-Saharan Africa di ntse di gola go nna badirisane ba ba botlhokwa mo kgwebisanong ya naga ya rona. Re motlotlo gore dipeeletso tsa Aforika Borwa mo kontinenteng di oketsegile go tloga mo R5,5 bilione ka 2002 go fitlha mo R32,3 bilione ka 2013.

Diromelwantle tsa naga ya rona mo kontinenteng le tsone di ntse di oketsega ngwaga yo mongwe le yo mongwe, ka fa jaanong di le mo 28,5% go tloga mo 22,6% ka 2002.

Aforika Borwa e tla tswelela go falola mo go kopanyeng tikologo ka bogolo ka Mokgatlo waDitlwaedi tsa Borwa jwa Aforika, Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika leponelopele ya Makokotharo a Kgwebisano mo Mafelong a a Senang Sekgoreletsi a a akaretsang le Botlhaba le Borwa jwa Aforika

MaAforika Borwa ka nna,

Re batla gore batho ba borona ka maitemogelo a pusoselegae e nne a a itumedisang.

Re utlwile dingongorego le ditsibogo tsotlhe tsa maAforika Borwa mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, tse di tsamaisanang le ditirelo tsa masepala. Jaanong ke batla go le itsese ka leano la rona la tiro la go tsosolosa pusoselegae.

Dimasepala tsa rona di ikaegile ka motheo o o tsepameng, o o agilweng mo dingwageng di le 20 tsa temokerasi.

Re setse re sekasekile dimasepala tsotlhe tsa rona.

Re sekasekile botsamaisi jwa bone jwa matlole, ka moo ba dirang goya ka thulaganyo ya molao mmogo le bokgoni jwa bone jwa go tsamaisa diporojeke le go baakanya dikgwetlho tsa mabapi le tlhaelo ya bokgoni.

Re lekotse gape le ka moo ba rarabololang ditshupetso tsa mabapi le ditirelo tse di sa kgotsofatseng. Go nnile le dikatlego di le dintsi mo mebasepaleng e mentsi. Le fa go le jalo, re tobane le dikgwetlho di le mmalwa mo mebasepaleng e mengwe.

Re motlotlo gore dimasepala di le 11 di tlhageletse ka magetla ka tiro e ntle e e tlhomameng mo boruning, ditshenyegelong tsa letlole la mafaratlhatlha a masepala mmogo le mo go abengditirelo.

Dimasepala tseo e le 11 ke e e latelang:

1. Masepala wa Kgaolo ya Nkangala

2. Masepala wa Kgaolo ya Cacadu

3. Masepala wa Kgaolo ya Zululand

4. Masepala wa Kgaolo ya Umzinyathi

5. Masepala wa Kgaolo ya Ilembe

6. Masepala wa Tikologo ya Knysna

7. Masepala wa Kgaolo ya West Coast

8. Masepala wa Tikologo ya Matzikama

9. Masepala wa Tikologo ya Mossel Bay

10. Masepala wa Tikologo ya Breede Valley le

11. Masepala wa Tikologo ya Steve Tshwete

Re lebogisa dimasepala ka tiro e ntle eno.

Tshekatsheko e e tseneletseng ya dimasepala tse di farologaneng e tlhagisitse mafelo ao dimasepala di tlhokang tshegetso mo goone.

Mo gare ga dimasepala tse dingwe, re tla tshegetsa dimasepala tse di latelang:

Masepala waKgaolo yaAmathole kwa Kapa Botlhaba, Banka ya Tlhabololoya Borwa jwa Aforika ya rona e letleletse tlamelo ya matlole go ka tlhabolola mafaratlhatlha.

Diporojekentsi di ka nna makgolo, bontsi mo metsing le kgeleloleswe, di tla simololwa mme maikemisetso ke go dikonosetsa mo dikgweding di le 12 tse di tlang.

Kwa MasepalengwaKgaolo yaUmzinyathi kwa KwaZulu-Natal, tlamelo ya matlole e tla abelwa go tlhabolola diporojeke tsa mafaratlhatlha tseo bontsi di totileng go tsenyetsa malapa motlakase.

Dimasepala tsa tikologo tse di tla thusiwang di akaretsa waMsinga, wa Umvoti le wa Nquthu.

Kwa MasepalengwaKgaolo ya Alfred Nzo kwa Kapa Botlhaba, tlamelo ya matlole e tla abelwa go tlhabolola diporojeke tsa mafaratlhatlha tseo bontsi di totileng go abelana ka metsi, kgeleloleswe le motlakase.

Dimasepala tsa tikologo tse di amegang di akaretsa wa Mbizana le wa Ntabankulu, eo e baleang batho ba ka nna milione o le mongwe ka ditirelo.

Re tla tshegetsa Masepala wa Tikologo yaLukhanji gore e itharabologele mo botsamaising le go tsenyatirisong maano a tshegetso a go abelana ka metsi le motlakase.

Re tla thusa Masepalengwa Kgaolo ya OR Tambo go tlhomamisa tsamaiso le sebopego tsa bolaodi mmogo le go sala morago Maano a Botsereganyi jwa Moporesitente.

Kwa Masepalengwa Tikologo yaMbhashe re tla tsenya tirisong maano a bolaodi jwa matlakala le go fedisa matsapa a tshilafalo ya metsi a a tswenang ka fa tlase ga lefatshe.

Kwa Masepalengwa Kgaolo ya Ngaka Modiri Molema kwa Bokone Bophirima, puso ya bosetšhaba e tla aba tshegetso le go dirisana mmogo le Banka ya Tlhabololoya Borwa jwa Aforikago rarabolola matlole a mafaratlhatlha a metsi le kgeleloleswe.

Re tla tshegetsa Teropokgolo ya JohannesburgkwaGauteng go rarabolola mathata a a mabapi le thulaganyo ya dituediso.

Re tla tshegetsa Masepalengwa Tikologo yaMoqhaka kwa Foreisetata ka go fedisa dikgwetlho tsa thulaganyo ya go dirisa dikgamelo tsa boithusetso le dintlwanaboithusetso tse di sa tswalelwang.

Go santse go le jalo, tiro e a tswelela go fedisa thulaganyo ya go dirisa dikgamelo tsa boithusetso go ralala naga ka bophara. Seno e tla nna gape tiro e e kwa setlhogong ya Setlhopha sa Tiro sa Ditona tsa Naga mo Kabelong ya Ditirelo seo ke se tlhomileng. Setlhopha seno se etilwepele ke Tona Pravin Gordhan.

Setlhopha seno se na le Ditona e leng ya Lefapha la Maano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro kwa Kantorong ya Moporesitente, ya Lefapha la Bodulo jwa Batho, ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, ya Lefapha la Dipalangwa, ya Lefapha la Merero ya Selegae, ya Lefapha la Dikgwebo tsa Puso, ya Lefapha la Maatla, Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, ya Lefapha la Boitekanelo mmogo le ya Lefapha la Thuto ya Motheo.

Mmusakgotla le Modulasetulo ba ba Tlotlegang,

Karolo e e botlhokwa ya mo pusoseleganeng mo dingwageng di le tlhano tse di tlang e tla nna mokgwa yo re tsibogelang bonnete jwa lobelo lwa go dira metseseteropo.

Aforika Borwa e nna naga ya motseseteropo. Ka 2011 batho ba ba ka nnang 63% ba ba ne ba setse ba nna kwa diteropong le kwa diteropokgolong mme mokgwa ono o solofetswe go tswelapele mo ngwagasomeng yo o tlang.

Letlhomeso la rona la Tlhabololo ya Metseseteropo e e Kopantsweng ya puso le tla konosetswa ka 30 Phukwi 2014.

E tla neela diteropokgolo le diteropo tsa Aforika Borwa kgwebo e ntšhwa. E tla tlhoma letlhomeso la pholisi la ka fao thulaganyo ya metseseteropo ya Aforika Borwa e ka baakanngwang ka teng gore diteropokgolo le diteropo di kgone go akarediwa, di nne le didirisiwa tse di matshwanedi le go nna mafelo a a itumedisang go ka nna mo go one mo dingwageng di ka feta di le 20 go ya go di le 30 tse di tlang.

Mmogo tla re tsweletseng pelepusoselegae!

Bakaulengwe,

Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, re atolositse tshegetso ka iketlo mo malapeng a a tlhokang le a a tlhokomologilweng ka go beeletsa mo dintlong , go atolosa manaane a rona a dithebolelo tsa loago le go tokafatsa phitlhelelo ya thuto le tlhokomelo ya boitekanelo jwa motheo.

Mo tsamaong ya nako e e tlang, phokotso ya lehuma e tla tswelela go diragadiwa.

Re tla tswelela go beeletsa mo thutong le mo tlhabololong ya bokgoni ka ntlha ya fa seno se le botlhokwa mo go godiseng le mo go tlhabololong ya ikonomi. Re tlhoka baenjenere, badirikamotlakase, badirikametsi, dingaka, barutabana le badiri ba bangwe ba ba ntsi ba bat la aging ikonomi ya naga ya rona.

Ka ntlha ya seno, thuto e tswelela go nna sengwe se se botlhokwa mo pusong ya rona. Re tla tswelela go rotloetsa gore thuto e fitlhelelwe ke botlhe ka go netefatsa gore bana botlhe ba ba mo gare ga dingwaga di le supa le di le 15 ba tsena sekolo.

Re tla oketsa palo ya baithuti ba Mophato wa 12 ba ba ka amogelwang kwa yunibesiti ka go e oketsa go tloga mo go 172 000 ka 2013 go fitlha mo go 250 000 ka 2019.

Kwa Kapa Botlhaba re butse bonnye jo bo ka nnang sekolo se le sengwe mo bekeng e nngwe le e nngwe ya mo ngwageng yo o fetileng mme re tla tswelapele go fedisa dikolo tsa go agiwa ka mmu mmogo le meago e mengwe ya dikolo e e sa amogelesegeng.

Palo ya bašwa ba ba tsenang kwa diyunibesiting le kwa dikholejeng e oketsegile mo dingwageng tse di fetileng. Baagi ba tla simolola go aga diyunibesiti ka Lwetse kwa Kapa Bokone le kwa Mpumalanga.

E tla re mo ngwageng yo o tlang ka Ferikgong kamogelo ya ntlha ya baithutedibongaka ya kwadisiwa kwa yunibesiting entšhwa ya bongaka kwa Limpopo.

Mo godimo ga seo, dikholeje di le 12 tsa katiso le thuto di tla agelwa go atolosa bokgoni jo bo tswakantsweng jwa setegeniki mo nageng.

Bakaulengwe,

Mmogo re tshwanetse go lwantsha diritibatsi le tirisobotlhaswa ya diritibatsi kwa dikolong le kwa metseng ya rona. Re tla baya kwa setlhogong tshireletsego kwa dikolong, dipalangwa tsa dikolo le boitekanelo jwa baithuti.

Mo ntlheng ya boitekanelo, re tla dira kanatla go oketsa pakatshelo mo peleging go simoloka ka dingwaga di le 60 ka 2012 go fitlha mo dingwageng di le 63 ka 2019.

Letsholo la go fokotsa dipalopalo tsa dintsho tsa bomme le tla tsweledisiwapele.

Seno se tla tlhoka tsenngotirisong ya Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo mmogo le tokafatso ya boleng jwa tlhokomelo kwa lekaleng la puso.

Re tla agelela mo godimo ga katlego ya rona ya kalafo ya HIV le AIDS mmogo le go tshegetsa manaane ka go atolosa dikgoeletso tsa rona tsa go tlhaeletsana le matšhwititšhwiti ka ga thibelo ya HIV.

Bakaulengwe,

Re tla tsweletsapele dikgatelopele tse re di dirileng mo go rotloetseng matlafatso le tlhabololo ya basadi.

Tona kwa Kantorong ya Moporesitente yo a samaganeng le tlhabololo ya basadi, Mme Susan Shabangu, o tla dirisana le mafapha a puso, ditheo, makala a poraefete mmogo le mekgatlo e e seng ya puso, go rotloetsa matlafatso ya basadi ya ikonomi ya loago, tlhabololo le ditshwanelo tsa botho.

Go tiisetsa diphitlhelelo tsa rona tsa temokerasi, re tla tswelela go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a batho ba ba nang le bogole mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

Re tla dirisana le maphata a bogole go nopola dikarolo tse di leng botlhokwa tseo re tshwanetseng go di diragatsa gore karolo ya Aforika Borwa e nne botlhokwa mo Tumelanong ya Dinagakopano ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nag le Bogole mmogo le Thulaganyo ya bona ya Botlhophelo.

Tsereganyo e nngwe e e botlhokwa mo pusong ya ga jaanong e tla nna ya go konosetsa Pholisi ya Ditshwanelo tsa Bogole ya Bosetšhaba eo e akaretsang Letlhomeso la Ditshwanelo tsa Bogole la Bosetšhaba.

Pholisi eno mmogo le letlhomeso la teng di tla kaela dikgato tsa puso gore di rotloetse setšhaba se se akaretsang botlhe mmogo le go rotloetsa tseokarolo ya batho ba ba nang le bogole mo thulaganyong ya go tsaya ditshweetso.

MaAforika Borwa ka nna,

Go nnile le kgatelopele e e riling e e dirilweng mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng mo go fokotseng seemo sa bosenyi jo bo setlhogo jo bo jaaka dipolao, go kgothosiwa ka dikgoka, bosenyi kgatlhanong le basadi, bana le ditlhopha tse dingwe tse di sa kgoneng go ikemelela, fela bo santse bo le kwa godimo mo bo sa amogelesegeng.

Re tla direlapele go fokotsa seemo sa bosenyi.

Yuniti e e Itlhophileng ya Dipatlisiso, Setlhopha sa Tiro e e Kgatlhanong le Bonweenwee, Yuniti ya Tseo ya Dithoto le ba di-Hawks ba dirile kgatelopele e e bonagalang mo kopong ya rona gore ba lwantshe bonweenwee mo setšhabeng sa rona mmogo le mo lekaleng la puso. Tiro eno e tla tsweletswapele mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

Makoa a a tlhagelelang mo dithekong, bolaoding le mo thulaganyong ya botsamaisi a a nyatsang bokgoni le bononofi jwa puso a tla baakanngwa.

Kgato ya tse dingwe tse di botlhokwa e e tla diragadiwang, ke go dira gore ditheko di fitlhelwe ka fa Kantorong e le esi ya Motlhankedimogolo wa Ditheko kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba.

Re setse re simolotse go dirisa mokgwa ono o montšhwa ka go reka dithoto tsa dikolo kwa Kapa Botlhaba. Dithoto tseno di tla isiwa kwa dikolong tsotlhe tsa kwa Kapa Botlhaba mo bogareng jwa kgwedi ya Phatwe 2014.

Go tla tseewa dikgato go kgoreletsa badiredipuso le baemedi ba puso go ka gwebisana le puso.

Tsone di tla tshegediwa ke ditsengotirisong tse di tlhabolotsweng tsa Letlhomeso la Tlhagiso ya Matlole, tshireletso e e gagamaditsweng ya bao ba utulolang bao ba utswetsang puso, mmogo le go aba thuso ya setegeniki mo mafapheng go nna le bolaodi jo bo nonofileng jwa kgalemo.

Bakaulengwe,

Mo dingwageng di le tlhano tse di tlang re tla tswelel go rotloetsa go agiwa ga Aforika e e botoka mmogo le lefatshe le le nang le bosiamisi.

Aforika Borwa e tla tswelela go tshegetsa dithulaganyo tsa selegae le tsa kontinente go tsibogela le go rarabolola matsapa, go rotloetsa kagiso le tshireletsego, go thatafatsa tshwaragano ya selegae, go oketsa bogolo jwa kgwebisano ya ka fa gare ga Aforika le go falola mo go direng tlhabologo ya leruri ya Aforika.

Seno se tla raa gore go tshegetswe le go diragadiwa ditshweetso tsa Mokgatlhokitlano wa Aforika mmogo le go rotloetsa ditiro tsa ditheo tsa one.

Re tla tswelela gape go rotloetsa koporasi ya Borwa ka go diragatsa botokololo le dipuisano le makala le mekgatlho ya Borwa.

Re tla tswelela gape go rotloetsa botsalano jo bo re unngwelang ka selekano le dinaga tsa kwa Bokone.

Re tla tswelela go tseneletsa tlhabololo ya ikonomi, kgwebisano le bolekane jwa bobeeletsi le dinaga tsa BRICS ka tiro ya Setlhopha sa Kgolaganyo sa BRICS se se mabapi le matsapa a Ikonomi le Kgwebisano.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Baeng ba ba kgethegileng,

SANDF e ntse e le ntlha ya boipelo ya bosetšhaba jaaka e ntse e tsayakarolo mo maitlhomong a go tliasa kagiso mo kontinenteng.

Karolo eno e tla tswelediwa mme puso e sekaseka ka fao e ka tlamelang SANDF mo tirong ya bone go ya ka Ditlhotlhomiso tsa Tshireletso tse di konoseditsweng mo malobeng.

MaAforika Borwa ka nna,

Go diragatsa lenaane leno la tiro, Motlatsamoporesitente le nna re tla kopana le Ditona le Batlatsaditona go sekaseka maano a a tseneletseng a lefapha le lengwe le le lengwe.

Tona e nngwe le e nngwe e tla saena tumelano ya tiragatso le Moporesitente mo go tla tlhagisiwang gore lefapha le lengwe le le lengwe le tla dira eng go diragatsa lenaane la tiro.

Bakaulengwe,

Ka la bo 17 Seetebosigo e tla bo e le segopotso sa bo 22 sa matlhotlhapelo a kwa Boipatong kwa Gauteng.

Fa re lebelela kwa morago eno ke enngwe ya dinaane tse di tshosang mo hisetoring ya rona ya mo malobeng, re gopotswa gore re tshwanetse go baya kwa setlhogong ntlha ya gore re tshwanetse go fodisa le go aga setšha go gaisa mo malobeng.

Re tshwanetse go tswelelapele go aga go tlhaloganyana, go itshokelana le go itshwarelana, mme mmogo re tshwanetse re lwantshe tlhjaolele ya lotso, bosemorafe le ya bong le tse dingwe tsa tseo re sa itshokelaneng mo go tsone.

Tiriso ya metshameko le setso jaaka e nngwe ya dikarolo tsa go re tshwaraganya mo nageng ya rona e tla tsweledisiwa mo pusomng eno. Re tla tswelela go rotloetsa Molaotheo kwa dikolong le go netefatsa gore bana ba rona ba gola ka maitsholo a mantle le go nna le lerato mo nageng le mo bathong ba bo bone.

Re tla tswelela go aga lefa le le akaretsang botlhe mo dingwageng di le tlhano tse di tlang ka go aga difikantswe le digopotso tse dingwe tse di tlotlang bagale ba rona ba kgaratlho e e tlisitseng kgololesego le temokerasi tseo gompieno re di ketekang.

Jaaka karolo ya mekete ya dingwaga di le 20 tsa kgololesego le temokerasi, direkoto tse di tshwarang dingwaga di le 20 mo ngwageng ono, tse di jaaka tsa ga Moporesitente wa maloba Nelson Mandela tsa mo matsatsing a ntlha a tsena mo pusong di tla isiwa kwa Diakhaefeng tsa Bosetšhaba.

Ngwaga ono gape o tla itemogela lenaneo la Direkoto tsa Diforamo tsa Dipuisano tsa Mekgatlontsi ya CODESA mo Rejisetareng ya Lefatshe ya Digopotso tsa Boditšhabatšhaba.

Mo kgweding e e tlang naga mmogo le lefatshe ba tla keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Mandela.

MaAforika Borwa otlhe a tshwanetse go neelana ka bonnye jwa metsotso e le 67 ka la bo 18 Phukwi gore ba phepafatse Aforika Borwa, e leng moono wa rona mo ngwageng ono.

Tla re simololeng ka go phepafatsa go go tseneletseng mo diteropokgolong tsa rona, makeišne a rona, metse ya rona ya kwa magaeng, dikolo tsa rona le go tlhabolola karolo e nngwe le e nngwe ya naga ya rona.

MaAforika Borwa ka nna,

Lenaane leno la tiro maitlhomo a lone ke go dira gore Aforika Borwa e nne lefelo le le botoka go gaisa mo go botlhe.

Re ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisana le rona go dira gore go tsenngwa tirong ga manaane ano go atlege.

Mmogo tla re tsweletseng pele Aforika Borwa

Ke a leboga.