Back to top

Primary tabs

Puo ya Maemo a Setšhaba ka Moporesitente Cyril Ramaphosa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Thandi Modise,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Rre Amos Masondo,
Motlatsamoporesitente Rre David Mabuza,
Moatlhodimogolo Mogoeng Mogoeng le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa bosiamisi,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki le Mme Mbeki,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Kgalema Motlanthe le Mme Motlanthe,
Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Rre FW de Klerk le Mme de Klerk,
Mmusakgotla wa mo malobeng wa NA Mme Baleka Mbete le Rre Khomo,
Moporesitente wa Palamente ya Lekgotla la Aforika, Motlotlegi Rre Roger Nkondo Dang,
Mosadi yo a Emetseng naga ya Aforika Borwa kwa Dinagakopanong (UN) Mme Anne Githuku-Shongwe,
Moamogedi wa tlotla ya Seaparankwe, Rre Andrew Mlangeni,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetilo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (SALGA) le bomeyarabagolo,
Mmusisi wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa (SARB), Rre Lesetja Kganyago,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Sireletsang Molaotheo wa Temokerasi,
Baeteledipele ba mekgatlho ya bodumedi,
Baeteledipele ba ditheo tsa thuto le tsa dipatlisiso,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Baeng ba ba laleditsweng,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NA,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NCOP,
MaAforika Borwa a gaetsho,

Ndi tama u lumelisa vhathu vhoṱhe vhane vha vha fhano na hayani.

Ngibingelela bonke abantu abasekhaya nabalapha.

Ndzi xeweta vanhu hinkwavo va laha Afrika-Dzonga lava va nga ekaya na lava va nga laha.

Ke dumedisa batho ka moka bao ba leng gae le bao ba leng mo.

Go setse go fetile dingwaga di le 30 fa e sale Rre Nelson Rolihlahla Mandela a gololwa kwa Kgolegelong ya Victor Verster, e leng sesupo mo hisetoring ya rona se se totobaditseng gore boammaruri kgololesego e setse e le gaufi le go re aparela.

Fa a ne a eme mo mathuding a Cape Town City Hall go ema matšhwititšhwiti ka lefoko a a neng a gorogile ka makatlanamane go tla go mo amogela, o ne a re:

“Mogwanto wa rona go lwela kgololesego ga o kitla o gatela morago. Ga re a tshwanela go letla letshogo go re ema ka fa pele.”

Gompieno, morago ga dingwaga di le 30, jaaka re gatela pele ka mogwanto wa rona wa go tokafatsa matshelo a batho ba borona, jaaka re tobana le dikgwetlho tse ditonagadi, jaaka re tsubutlwa ke ditsuatsue tsa botshelo, le rona ga re a tshwanela go letla letshogo go re ema ka fa pele.

Re tshwanetse re gatele pele, re se letlelele ditsuatsue tsa botshelo kgotsa boikobonyo jwa rona mo go rona go re faposa.

Jaaka re kgobokane go buisana ka seemo sa naga ya rona, re etetswe ke ba lelapa la ga Basil February, molwelakgololesego yo o sebete yo a latlhegetsweng ke botshelo jwa gagwe kwa Zimbabwe mo letsholong la Wankie Campaign ka ngwaga wa 1967.

E setse e le sebaka se se ka dirang halofo ya ngwagakgolo, mme fela jaaka ba bangwe ba le bantsinyana ba a neng a lwela tokologo mmogo le bona, go fitlha ga jaana, ga go ope yo a itseng gore mebele ya bona e fitlhilwe kae.

Seabe se a nnileng le sona, go ikentsheng setlhabelo ga gagwe, ke seo ka se tsogeng se lebetswe.

Maitseboeng ano re kgobokane fano ka boikobo re gopola banna le basadi bao ba ikentshitseng setlhabelo gore re bone kgololesego, mme ka ntlha ya seno re itse le go tlhaloganya sentle maikarabelo a magolo a re a rweleng gore re fitlhelele ditoro tsa bona.

Go na le dinako tseo re iphitlhelang re sa dira go go lekaneng, go na le dinako tseo re iphitlhelang re dirile diphoso, fela re tswelela go nna re tsetsepetse mo maikaelelong a rona a go aga setšhaba se se gololesegileng, se se lekalekanang le se se renang kagiso.

Fa o ka ela tlhoko hisetori ya rona o tla lemoga gore fa re le ngatana e le nngwe e e renang kagiso le tumelo, re kgona go sutisa dikgoreletsi tsa mefuta yotlhe mo tseleng le go dira gore naga ya rona e nne lefelo leo rona rotlhe re ikutlwang re gololesegile, re babalesegile e bile re sena sepe se se re kokonang mo go lona.

Ke mogopolo ono o re tshwanetseng go o dirisa go mekamekana le seemo sa ga jaana.

Naga ya rona e tobane le dikgwetlho tse di boima.

Ikonomi ya rona e reteletswe ke go gola ka lebelo le le bonagalang mo pakeng e e fetang dingwaga di le lesome.

Le fa go na le diphatlhatiro tse di dirilweng, palo ya botlhokatiro e tsweletse go oketsega.

Poelosekeng ya ikonomi ya rona e goga ka bonya ka ntlha ya tlhaelo ya motlakase e e tsweletseng go kgoreletsa dikgwebo le matshelo a baagi ba naga ya rona.

Dikgwebo tsa puso (di-SOE) di se kae di aparetswe ke mathata, mme gape le ditheo tsa rona tsa matlole a setšhaba le tsona di mo tlalelong e e seng kana ka sepe.

Ke lona, baagi ba naga ya Aforika Borwa, ba le tswelelang go rwalela mmutla le setlhako, ka go sugana le ditlhwatlhwa tsa ditheko tse di tlhatlhogetseng ruri, botlhokatiro, go retelelwa ke go tšhwamoga mo diatleng tsa lehuma le go retelelwa ke go diragatsa bokgoni jo le nang le bona.

Le fa go le jalo, mo letlhakoreng le lengwe go na le ditiragalo tse dingwe tse re ka ipelang ka tsona.

Ke ditiragalo tse di re kaelang ka bašwa ba rona ba ba nang le ditšhono tse dintsi tsa go ka ya sekolong go feta tse re kileng ra bo re na le tsona mme tsona di tokafatsa le go fitlhelela tse re ipeetseng tsona.

Ke ditiragalo tse di diragalelang bana ba le 2.4 milione ba ba tsenang dikolo tsa thuto ya bomapimpana (ECD) le dikolo tse di potlana.

Ke ditiragalo tsa barutwana ba ka dira 81% ba ba falotseng materiki ngogola, moo re boneng koketsego ya bona e tswang kwa dikolong tsa kwa metseselegae le kwa makeišeneng.

Re batla go akgola Barutwana ba ngwaga wa 2019 go bo ba dirile bontle jaana.

Ditiragalo tse dingwe gape tsa rona ke tsa baithuti ba le 720 000 ba ba tlametsweng ka matlole go tswa kwa pusong gore ba tsweletse dithuto tsa bona kwa dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET) le kwa diyunibesiting.

Ke ditiragalo tsa maAforika Borwa a ka dira 6.8 milione a a itseng maemo a bona a boitekanelo tebang le HIV, ba ka nna 5 milione ba setse ba simolotswe ka kalafi ya melemo ya thibelaketegelo ya kokwanatlhoko lebolelateng (ART) mmogo le ba bangwe ba le 4.2 milione bao Mogare wa Lebolelateng wa bona o iseng o bonwe.

Tseno ga se fela dipalopalo.

Ke matshelo a baagi ba naga ya rona a a tokafadiwang.

Ke dikgato tse di re bontshang gore go na le kgatelopele.

Ditiragalo tsa rona gape di supa gore re na le bokgoni jo bo sa kgaleng.

Tsa lefatshe le le nang le dintletsentletse tsa diminerale le mefutafuta ya dimela le diphologolo tse e leng fela dinaga di le mmalwa fela mo lefatsheng tse di nang le seo re nang le sona.

Ke tsa sekgwama se segolo sa madi, mafaratlhatlha a mantsi, melao e e utlwalang le ditheo tse di matlhagatlhaga.

Ke tsa naga ya bašwa le batho ba ba farologaneng ba ba humileng le ba ba phophomang ka ditalente.

Bosigong jono re etetswe ke lekgarebe mme Zozibini Tunzi, yo tlhatlhogo ya gagwe mo go thopeng maemo a Mmabontlenyana wa Lefatshe ka Bophara e leng segakolodi sa bokgoni jo re nang le bona mo nageng jo bo ka re dirang gore re fitlhelele dilo tse dikgolo tota go sa kgathalesege dikgwetlho tse re tobanang le tsona.

Re amogela gape le lekau la mokapotene wa di-Springbok Siya Kolisi, yo a neng a eteletse kwa pele setlhopha se se neng se bela ka maikemisetso e bile se tshwaragane sa naga ya Aforika Borwa gore se nne bafenyi ba Sejana sa Lefatshe sa Motshameko wa Rakabi sa 2019.

Maitseboeng ano re etetswe gape le ke mošwa yo mongwe gape yo o gagamatsang, Mme Sinoyolo Qumba, moithuti wa Mophato wa bo 11 go tswa kwa Lenasia South, yo a neng a nthusa maabane otlhe go kwala Puo eno ya Maemo a Setšhaba (SoNA).

Botlhale jwa gagwe, kitso ya gagwe ka merero ya loago, lerato le a nang le lona le kelotlhoko e a nang le yona di nnaya tshepo mo bokamosong jwa naga eno.

Mo dipuong tsa me tsa ntlha tsa maemo a naga ke buile thata ka botlhokwa jwa go dirisana mmogo, mmogo le maikarabelo a magolo a re a jereng mo magetleng a rona jaaka puso gore re tlise tirisanommogo le kutlwano.

Ka ngwaga wa 1994 re utlwane gore re tla buisana, ra itomeletsa mo dintlheng tse dingwe mmogo le go utlwanela kagiso mo legatong la gore re tlhoane le go lwela go ipusulosetsa.

Hisetori ya rona le ditiragalo tsa sešweng di re ruta gore fa e le gore re batla go fitlhelela seo re rileng re batla go se fitlhelela, re tshwanetse go tsepamisa mogopolo mo go seo se tla dirang gore re nne ngatana e le nngwe go na le go tsepamisa mogopolo mo go seo se tla tlhotlheletsang gore re se utlwane.

Maatla a temokerasi ya rona ya molaotheo, mmogo le lebaka la gore go tlile jang gore e nne teng sebaka seo e se ntseng, ke ka ntlha ya gore re kgonne go golagana ka bontsi go nna ngatana e le nngwe mmogo le go dirisana mmogo, e ka tswa e le ka mo letlhakoreng la kgwebo, la mekgatlho ya badiri, la mekgatlho e e nang le dikgatlhegelo tse di itlhophileng kgotsa ka mo letlhakoreng la mekgatlho e mentsi ya baagi.

Go utlwana le go tlhoma ditirisanommogo ga se kgato ya go ipontsha makoa. Ke go supa botlhokwa jwa seo re leng sona.

Ke ka ntlha ya seno mo dingwageng tse di fetileng di le pedi re ntse re semeletse re leka go tlisa kutlwano mabapi le leano la rona la go busetsa maemo a ikonomi sekeng.

Fa a ne a eme batho ka lefoko mo puong ya gagwe ya kamogelo ka la bo 10 Motsheganong 1994, Moporesitente Nelson Mandela o rile:

“Gompieno re a dumelana gore re tla tlhoma setšhaba seo maAforika Borwa otlhe, a bana ba mmala wa sebilo le a basweu, ba tla kgonang go tsholetsa magetla le difuba tsa bona, go se boikobonyo bope mo dipelong tsa bona, mme ba netefaleditswe tshwanelo ya bona ya go neelwa seriti jaaka batho go ya bosakhutlheng.”

Puso eno e santse e eme ka lefoko leo ka go tswelela go tsholetsa tumelano eo.

Ke tumelano e moodi wa yona o gokeletsweng kwa pelong ya dipeelo tsa ditogamaano tsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba, leo maitlhomo a lona e leng go fedisa lehuma le go fokotsa go tlhoka tekatekano mo ngwageng wa 2030.

Boammaruri rotlhe re tshwanetse go amogela gore puso ka nosi ga e kitla e kgona go rarabolola marara a a aparetseng ikonomi.

Le fa e le gore re ka tsaya metswedi yotlhe e re nang le yona, le go dirisa madi a mantsi a setšhaba, re ka se kgone go ka solofetsa gore seo tota se tla tlhola ditiro mo baaging ba le dimilionemilione ba ba tlhokang ditiro.

Se re nang le sona re se fitlheletse ka go dirisana mmogo.

Go tloga mo sebakeng sa dingwaga di le pedi tse di fetileng – fa ke ne ke eme fano ke neelana ka SoNA – re ntse re semeletse go dira gore maAforika Borwa ba dirisane mmogo go samagana le thothobolo ya dikgwetlho tse re tobaneng le tsona.

Ka Samiti ya Ditiro re kgonne go golaganya mekgatlho ya badiri, dikgwebo, puso le baagi go tšhotlha ditharabololo tse di mabapi le matsapa a botlhokatiro, mme nna le Motlatsamoporesitente re tsweletse go kopana kgafetsakgafetsa fa kgwedi e nngwe le e nngwe e simolola, go kgora dikgoreletsi le go goga kwa pele ditharabololo tse di tla thusang gore re boloke ditiro.

Jaaka puso le mekgatlho ya setšhaba re kopantse ditlhogo jaaka re le baagi le mekgatlho ya sedumedi, go tobana le tirisodikgoka e e fetlhiwang ke banna mo basading.

Re gogetse le dikgwebo, mekgatlho ya badiri le puso gore go thadiwe leano le legolo mo diintasetering tseo di nang le bokgoni jo bogolo jo bo bontshang kgolo.

Re kopane jaaka maphata a a farologaneng a puso, jaaka ditheo tse di farologaneng tsa puso, jaaka mekgatlho e e farologaneng a dikgwebo mmogo le jaaka ditlhopha tse di farologaneng tsa setšhaba ka ntlha ya Leano le lentšhwa la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) leo bogolo le tla fetolang tsela eo re tlhabololang dipusoselegae.

Re ntse re tlhola ditirisanommogo tseno go nne ke fela fa go na le tirisanommogo mo re kgonang go nna le tswelopele.

Mmogo, mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, re ntse re samagane le go ritibatsa maemo a ikonomi le go aga motheo oo kgolo ya rona e tla itsetsepelang ka ona.

Re ntse re dira ka bomo go aga sešwa ditheo tsa mo malobeng le go tlosa fa tseleng dikgoreletsi tse di kgoreletsang dipeeletso.

Re tsere dikgato tse di maleba tebang le ditiragalo tsa go goga puso ka nko.

Ka iketlo re kgonne go tokafatsa dikgato tsa phitlhelelo ya thuto, ra tokafatsa boleng jwa tlhokomelo ya boitekanelo le go samagana le ditlhokwa tsa motheo tseo batho ba ba humanegileng ba di tlhokang.

Le fa go le jalo, seno ga se a lekana.

Dikgato tseno di santse di sa lekana go ka supolola ikonomi ya rona mo dinaleng tsa phage tseo di tlhodilweng ke diphoso tsa puso ya mo malobeng, kana diphoso tseo di dirilweng ke rona.

Ga re a dira go utlwagala go ka efoga matsadi a a tlhodilweng ke kgaolo ya motlakase kgotsa go ka efoka le ona maemo a a bokoa a ekonomi ya lefatshe a a sa itsetsepelang le a a gatelegileng.

Ke ka ntlha ya seo gompieno re iphitlhelang re le mo maemong ano a re tshwanetseng go tsaya ditshwetso.

Go na le se re santseng re ka se dirang.

Re ka itlhophela gore go retetse mme ra ineela mo dikgwetlhong tse dintsi tse di boima tsa matsapa a a re busetsang morago ao re tobaneng le ona, kgotsa re ka tobana le tsona mo matlhong, re tsholeditse ditharabololo re tlhometse le ka maikemisetso le ka dikgato tse re tshwanetseng go ka di tsaya.

Ka ntlha ya gore rona re itlhophela go tobana le dikgwetlho tsa rona mo matlhong, kgato ya rona ya ntlha, e e botlhokwa le e e tlhamaletseng ke go busetsa maemo a ikonomi ya rona mo thulaganyong ya go o godisa moo botlhe ba tla nnang le seabe.

Ntle le kgolo ya ikonomi ga go kitla go kgonagala gore re tlhole ditiro, mme fa go sa kgonagale gore re tlhole ditiro ga go kitla go nna le tlhabololo ya boammaruri mo matshelong a batho ba borona.

Ka jalo, SoNA eno e ka ga kgolo ya ikonomi ya rona, moo botlhe ba tla nnang le seabe.

E ka ga dikgato tse di botlhokwa tse re tla di tsayang monongwaga go aga puso e e nang le bokgoni le go tsenya tirisong dikgato tse di tla busetsang maemo a ikonomi ya rona sekeng.

Monongwaga re baakanya tsotlhe tse di botlhokwa.

Re samagana le dikgaolo tse di botlhokwa go ka kgontsha ikonomi ya rona go gola.

E bile re tla netefatsa gore togomaano le tiragatso ya go tsaya dikgato mo pusong e nna e e duleng diatla.

MaAforika Borwa a gaetsho,

E setse e le dingwaga di feta di le lesome maAforika Borwa a ntse a pitikisana mo seretseng le matsadi a tlhaelo ya motlakase.

Ke buile go tlala seatla ka karolo e e botlhokwa eo e jarilweng ke Eskom mo mererong ya ikonomi ya naga ya rona le mo matshelong a moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe.

Kgaolo ya motlakase e e ntseng e tsweletse mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng e nnile le seabe se se koafaditseng naga ya rona.

E re buseditse morago thata mo dikgatong tse re ntseng re di tsaya go ka busetsa sekeng maemo a ikonomi ya rona le mo go tlholeng ditiro.

Gangwe le gape fa go na le kgaolo ya motlakase, matshelo a batho a a tlhakatlhakana, seno se tlhola gore batho ba tlalelane, ba setisege le go itemogela mathata.

Setlhodi se se kwa botengteng jwa kgaolo ya motlakase ke ditlamorago tse di ka se efogiweng tsa Eskom go bo e reteletswe mo dingwagangwageng di feta palo – ka ntlha ya go kolotiwa madi a a boitshegang, go tlhoka batho ba ba nang le bokgoni mmogo le dikgato tsa go goga puso ka nko – go tlhokomela madutelo a yona a motlakase.

Boammaruri ke gore re rata re sa rate re tshwanetse go amogela gore gore Eskom e kgone go mekamekana le tlhokomelo le tsosoloso e e botlhokwa mo go tokafatseng tlamelo ya motlakase e e ikaegang, kgaolo ya motlakase e tla tswelela go nna seo se tla tlhokagalang go diriwa go simolola ka ona motsotso oo go leba kwa bokamosong jwa rona.

Moo go sa kgonagaleng gore kgaolo ya motlakase e ka tlodisiwa matlho, go tshwanetswe gore e diragadiwa ka tsela e e tla lemosang batho ka yona nako e santse e le teng go ka fokotsa ditshitiso le ditshenyegelo tsa matlole mo mafelong a tirelo le kwa malapeng.

Mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang, jaaka Eskom e tla bo e samagane le go tsosolosa tirelo ya yona, re tla tsenya tirisong dikgato tse di tla fetolang tsela e re ntseng re e tshwere ya tlhagiso ya motlakase ka fa nageng ya rona.

Re samagane le dikgato tse di latelang go ka oketsa ka bontsi le ka lebelo tlhagiso ya motlakase kwa ntle ga Eskom:

  • Kgaolo ya bo 34 ya Ditshwetso tsa Tona e tla rebolwa mo nakong e khutshwanyana, mme e tla rebolwa ke Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji, go laela tiragatso ya Leano la Tlhabololo le le Tshwaraganetsweng (IDP) la 2019, e leng seo se tla letlelelang gore go tlhomiwe metswedi e mengwe gape ya tlamelo ya motlakase go tswa mo metsweding ya motlakase wa ntšhwafatso, gase e e tswang mo matlapeng, motlakase o o fetlhiwang ka metsi, polokelo ya motlakase mo dibetering le ya malatlha.
  • Re tla simolola ka dikgato tsa go reka motlakase wa tshoganyetso go tswa mo diporojekeng tse di ka kgonang go re tlamela ka motlakase sebaka se se ka dirang dikgwedi di le tharo go isa go di le 12 gang fa di sena go neelwa tetla ya go ka simolola.
  • Bothati jwa Naga jwa Taolo ya Motlakase wa Aforika Borwa (NERSA) bo tla tswelela ka tiro ya jona ya go kwadisa batlhagisi ba motlakase ba ba potlana ba ba itlhagisetsang motlakase o o kwa tlase ga mekawate (MW) o le mong, mme mo ntlheng eno ga go laesense epe e ba e tlhokang.
  • NERSA e tla netefatsa gore dikopo tsotlhe tse di tlhatlhetsweng ke dikgwebo le diintaseteri go dirisa motlakase o di itlhagisetsang one o o fetang mekawate o le mongwe di sekegelwa pele ga matsatsi a le 120 jaaka go laetswe mo molaong.

Le tshwanetse go ela tlhoko gore go tloga jaanong ga go sa na magora a a beilweng fa go tsentswe motlakase o o fetang mekawate o le mongwe.

  • Re tla bulela gape le kgato ya bo 5 ya kopo ya dithendara tsa motlakase wa ntšhwafatso mabapi le Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase (IPP) mmogo le go dirisana le batlhagisi ba motlakase go ka potlakisa konosetso ya diporojeke tsa kgato ya bo 4.
  • Re tla buisanela ntlha ya ditumelano tsa go reka motlakase gore re kgone go nna le motlakase o mongwe o montsinyana go tswa mo madutelong a a rekisang motlakase o o fetlhiwang ke phefo mmogo le wa letsatsi.
  • Re tla tsenya gape tirisong le dikgato tse di tla kgontshang mebasepala e e dirisang matlole a yona ka tshwanelo gore e ithekele motlakase go tswa mo go di-IPP.

Go ya ka leano la mosupetsatsela le le rebotsweng ngogola, Eskom e setse e simolotse ka dithulaganyo tsa yona tsa go kgaoganya ditirelo tsa yona tse tharo – e leng lekala la tlhagiso ya motlakase, tsamaiso ya motlakase le la kabelano ya motlakase – mme lekala le lengwe le le lengwe le tla nna le boto ya lona mmogo le botsamais jwa lona.

Balekane ba merero ya loago ba ba gokeletsweng ka lenaane la Lakgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (Nedlac) ba ntse ba kopana go samagana le ditshitshinyo di le dintsinyana tse di tlhagisitsweng mo dibekeng di le pedi tse di fetileng gore ba dumelane gore dithulaganyo tsa tirisanommogo mabapi le motlakase go tla samaganwa le tsona jang.

Eno ke kgato e e leng gore ga e ise e tsewe mo hisetoring ya rona e bile ke kgato e e sa tlwaelegang ka ntlha ya gore e supa maikemisetso a matlhakore otlhe a loago a nang le ona mo go tseyeng dikgato tse di tlhokegang le go ikentsha setlhabelo ka moo go tlhokagalang go netefatsa gore ditlhokwa tsa rona tsa motlakase di a fitlhelelwa.

Ka tirisanommogo eno badirisanimmogo mo mererong ya loago ba leka go ka tlhagisa Eskom e dithulaganyo tsa yona di tsamayang sentle, e e tlhagisang dikuno tsa yona ka tshwanelo e bile e na le matshwanedi a go ka diragatsa tiro e e tlhokegang go ka diriwa, mo go ka tlhagiseng motlakase o o rekegang o baagi ba naga ya rona mmogo le diintaseteri ba ka kgonang go ka o reka.

Seno se tlhoka dikgato ka bobedi tse di gagametseng mo ditshenyegelong tsa matlole – go akaretsa le go sekaseka dikonteraka tse di saenilweng ka bokhukhuntshwane – mmogo le dikgato tse di ka kgoboketsang metswedi e e ka fokotsang dikoloto tsa Eskom mmogo le go tlamela ka matlole a mangwe mo a tlhokegang.

Badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago – e leng mekgatlho ya badiri, ya dikgwebo le mekgatlho ya baagi le ya puso – e ikemiseditse go bokeletsa tlamelo ya matlole gore go kgwonwe go sekaseka matsapa a matlole a a leng gone mo Eskom ka tsela e e ka se kgoreletsaneng le tshomarelo ya matlole.

Ba batla go samagana le seno ka ditsela tse di ka se beeng madi a badiri a go rola tiro mo kotsing mmogo le ka ditsela tseo di ka se thulaneng le dithulaganyo tsa tiriso ya matlole.

Fa ba ntse ba semeletse go konosetsa tumelano eno, nnete ke gore phepelo ya rona ya motlakase e tla tswelela go goga boima go fitlha re bona le go tsenyatirisong ditsela tse dintšhwa tsa tlhagiso ya motlakase

Ka dikgato tseno tse di tshwanetseng go tsenngwatirisong ka gangwe mmogo le tiro e e santseng e re letile ya go kgaoganya intaseteri ya motlakase, re tla fitlhelela le go reka tlamelo ya motlakase o o rekegang e bile e le wa leruri.

Re samagana le kgato eno ya go kgaoganya motlakase ka nako eo phologo e e bediwang motho e tobaneng le matshosetsi a yona a magolo a a bediwang phetogo ya maemo a loapi.

Mo maabaneng ke ne ke na le Ayakha Melithafa, molwelakgaratlho mo mererong ya maemo a loapi go tswa kwa Eerste Rivier yo a neng a tsenetse Kopano ya Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) kwa teropong ya Davos monongwaga e maitlhomo a yona e neng e le go ikuela mo baeteledipeleng mo lefatshe go ema ka dinao go tshegetsa dikgato tse di tshegetsang thibelo ya phetogo ya maemo a loapi.

Ayakha o nkopile gore ke netefatse gore ga go ngwana ope wa moAforika yo a tla salelang kwa morago fa re fetola tiriso ya motlake go ka dirisa motlakase o o dirisang khabone e e kwa tlase, maemo a bosa a a kgonang go itsetsepela mmogo le go somarela setšhaba; mme eo ke tsholofetso e ke tla edirisang.

Khomišene ya ga Moporesitente e e Mabapi le Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi e tla netefatsa gore fa re tsena mo tirisong ya motlakese o o dirisang khabone e e kwa tlase ga go ope yo a tlogelwang kwa morago.

Re tla konosetsa Molaotlhomo wa Merero ya Phetogo ya Maemo a Loapi, o o tlhagisang letlhomeso la melawanataolo mabapi le taolo e e lolameng ya ditlamorago tse di ka se efogiweng tsa phetogo ya maemo a loapi ka go atolosa mekgwa ya go ipoloka, go gagamatsa tsetsepelo le go fokotsa makoa a a ka tlhodiwang ke phetogo ya maemo a loapi – mmogo le go nopola ditšhono tse dintšhwa go tswa mo diintasetering tse di ka ga ikonomi ya tshomarelotlhago.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Re tshwanetse go baakanya ditheo tsa rona tsa matlole a setšhaba.

Kgolo e e bonya e e kwa tlase ya ikonomi e re supetsa gore ga re dire letseno le le lekaneng le le ka kgonang go ka jara ka fao re dirisang madi ka gone, dikoloto tsa rona di lebile kwa maemong a a sa kgoneng go ka laolega mme tiriso ya rona ya matlole e totile dikarolo tse di ka ga go ntsha madi fela mmog le go duela dinamane tsa dikoloto go na le gore a lebisiwe kwa go tsenyeng mafaratlhatlha le go diragatseng ditiragalo tse di tla re tlisetsang dikuno.

Re ka se tswelele ka tsela eno. E bile re ka se kgone go ema fela go se sepe se re se dirang mabapi le seno.

Fa a tlhagisa Puo ya Tekanyetsokabo ya gagwe mo dibekeng di le pedi go tloga jaanong, Tona ya Matlole o tla tlhalosa dikgato di le dintsinyana tse di tla fokotsang tiriso ya matlole mmogo le go tokafatsa mekgwa ya tshomarelo ya matlole.

Re tsweletse go buisana le mekgatlho ya badiri mmogo le bannaleseabe ba bangwe gape tebang le dikgato tsa go fokotsa madi a a duelelwang badiredipuso mmogo le go ka fokotsa tirisobotlhaswa ya madi.

Dikgato tsa go fokotsa ka fao puso e dirisang madi ka gone, tsa go baya kwa setlhoeng metswedi e e ka dirisiwang ka tolamo, mmogo le go tokafatsa tirelo ya lekgetho di botlhokwa – fela dikgato tseno ga di a lekana – mo go ka samareleng ditheo tsa rona tsa matlole

Gore re fitlhelele maemo ano a tshomarelo go tla tlhokega gore re samagane le dikgwetlho tsa ditheo mo maemong a ikonomi a a tlhatlosang ditlhwatlhwa tsa matlole a re iphidisang ka one le a re a tlhokang go ka dira dikgwebo.

Ka go dirisana sentle le Morunikakaretso go re thusa gore re fokotse tirisobotlhaswa ya matlole, ka go sutisa tirisomatlole ya puso mo dikarolong tse di totileng go ntsha madi fela mme ra e lebisa mo go beeletseng mo mafaratlhatlheng a setšhaba, re tla bo re leka go tokafatsa maemo a matlole a ditheo tsa setšhaba.

Ba Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba mmogo le ba SARB ba ntse ba dubana le thankga go ka fokotsa boima jo bo ntseng b jarilwe ke magetla a bagwebi le bareki.

Re tsere tshwetso ya gore re tla tlhoma letloletlamelo le le ipusang e le dikgato tsa go leka go ka somarela le go ka godisa boleng jwa naga ya rona, e leng seo tota se tla totobatsang kgang ya gore baagi ba naga eno ba tla kgaogana khumo ya naga ya bobona.

Re gatela pele gape le mo ntlheng ya go aga banka e e tla nnang mo taolong ya puso jaaka karolo ya matsapa a rona a go atolosa phitlhelelo ya ditirelo tsa matlole mo baaging botlhe ba naga ya Aforika Borwa.

Tona ya Matlole o tla neelana ka dintlha ka botlalo tebang le dintlha tseno mo Puo ya gagwe ya Tekanyetsokabo.

Re tla tsaya dikgato tse dintsi tsa go baakanya maemo a ikonomi mme tse dingwe tsa tsona di tla akaretsa tse di leng mo sekwalweng se se tlhagisitsweng ke Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, se se bidiwang Economic Transformation, Inclusive Growth and Competitiveness.

Monongwaga re konosetsa dikgato tsa go somarela di-SOE mme re di neela sešwa maikarabelo a tsona a go nna ditlamo tse di nang le seabe se segolo mo togomaanong gore di kgone go tshegetsa kgolo le tlhabololo ya ikonomi ya rona.

Morago ga dingwaga di sena palo go ntse go itemogelwa matsapa a go goga puso ka nko, bonweenwee le taolo e e sokameng, jaanong re semeletse go netefatsa gore di-SOE di kgona go diragatsa maikarabelo a tsona a go tlisa tlhabololo le a go ikemela mo mererong ya matlole.

Ka go senka botlhale go tswa mo Lekgotleng la Moporesitente le le Mabapi le Merero ya di-SOE, re tla thankgolola dikgato tsa go dira gore di-SOE di dire ka tolamo mmogo le go netefatsa gore di diragatsa ditogamaano mo ikonoming kgotsa mo dikgatong tsa go tlisa tlhabololo.

Fa o batla go bona ka fao go goga puso ka nko, bonweenwee le taolo e e sokameng di nnileng le seabe se se sa itumediseng ka teng mo di-SOE leba Setheo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA), se ngogola kwa bokhutlhong se somotsweng mo seretseng.

Botlhogoputswa ba merero ya go thusa dikgwebo gore di se nyelele ba solofetswe go ka rebola maano a bona a go ka rulaganya sešwa setlamo seno sa difofane mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.

Malebana le intaseteri ya difofane ya naga ya Aforika Borwa mmogo le ikonomi ya rona, go botlhokwa thata gore setlamo se se tla tlhagisiwang se se tla bong se rulagantswe sešwa sa difofane se kgone go ijara ka bosona e bile se kgone go itirela letseno mme se se tlhole se lelela puso go se tlamela ka madi.

Ntlha e e kwa setlhoeng monongwaga ke go baakanya diterene tsa banamedi, e leng karolo e e botlhokwa go le maswe mo ikonoming ya rona le go nna le boleng mo matshelong a batho ba borona.

Diterene tsa rona ka letsatsi di nametsa banamedi ba feta ba le milione go ya tirong le go boa.

Re tlhabolola Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa) gore se tsamaelane tsa segompieno.

Seteišene sa Diterene sa kwa Kapa Bophirima le sa kwa Mabopane kwa Pretoria di ntse di tswaletswe ka ntlha ya fa go tsweletswe ka ditiro tse di botlhokwa tota mo go tlhabololeng mafelo ano.

Re beeleditse madi a feta R1.4 bilione mo seteišeneng se sengwe le se sengwe sa tseno di le pedi gore re kgone go tlamela ka ditirelo tse di bolokesegileng, tse di tshepagalang le tse di duelesegang.

Ditiro tse dingwe tse di tsweletseng mo diteišeneng tse dingwe tsa ka fa nageng di tsenyeletsa go atolosa diteišene, go tsenya mafelo a mantšhwa a bophakelo jwa dijanaga, go tsenya matshwao a matšhwa le go tlhabolola mafaratlhatlha a motlakase a bokwagodimo jwa diterene.

Jaaka re semeletse go baakanya bokgoni jwa puso, re itse sentle gore kgolo le tlhagiso ya ditiro bontsi jwa tsona bo tla tlhaga mo dikgwebong tsa poraefete.

Ka jalo rona re dira gore re nne le lefelo le le siametseng go ka tlhomiwa dikgwebo mo go lona.

Ka go dirisanammogo le badirisanimmogo mo mererong ya loago, re tsweletse go samagana le matsapa a le mantsinyana a e ntseng e le dikgoreletsi mo go tlholeng ditiro.

Dilaesense tsa go neelwa tetla ya go ka dirisa metsi, e leng se se botlhokwa tota kwa dipolaseng, kwa difemeng le kwa meepong, mo malobeng di ntse di tsaya nako e e telele thata go ka rebolwa, ka dinako dingwe o fitlhele di goga lobaka lwa dingwaga di ka nna tlhano.

Jaanong re kgona go le leba mo matlhong mme re lo itsise gore dilaesense tsa go rebolelwa tetla ya go dirisa metsi di tla rebolwa morago ga matsatsi a le 90 morago ga go tlhatlhela kopo.

Mo malobeng go ne go tsaya dikgwedi di sena palo go ka kwadisa setlamo.

Ka dirala di tshwana le Bizportal, jaanong motho a ka tsaya fela letsatsi le le lengwe go kwadisa setlamo sa gagwe, go kwadisa setlamo sa gagwe mo go Inšorense ya Batho bao ba Feletsweng ke Tiro (UIF) mmogo le go sekwadi mo go Tirelong ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) mmogo le mo go buleng akhaonto ya banka.

Mafelo a rona a go tsena ka fa nageng a boemelakepe a kitlane e bile ga a lolama leeseng.

Mo tsamaong ya monongwaga, re tla emisa le go baakanua ditiragalo tsotlhe tsa kwa boemelakepeng jwa Durban – e leng jone jo bo emeng mo maemong a boraro ka bogolo mo Letlhakoreng le le ka fa Borweng jwa Lefatshe – e le maitlhomo a go leka go ka fokotsa ditiego le dituelelo tse di kwa godimo.

Seabe se segolo se re ka nnang le sone mo kgolong ya ikonomi e e akaretsang botlhe se malebana le go tlhabolola bokgoni jo bo maleba.

Dipeeletso tse re di beeletsang gompieno mo go ECD le mo dikolong tse di potlana di tla re tswela mosola thata mo ikonoming mo dingwagasomeng di le pedi tse di tlang – le go ya go ile.

Fela go na le ditsereganyo tse re setseng re ntse re di diragatsang go na jaanong go ka tokafatsa boleng le mosola wa dipeelo tsa thuto ya rona.

Re gatetsepele mo go tsenyeng tirisong mokgwatirelo wa kharikhulamo e e totileng matlhakore a le mararo, e leng se se tlisang tshutiso e e botlhokwa mo go tsepamiseng mogopolo thata mo go di-TVET.

Dithuto tse di tobaneng le thuto e e rileng ya dithuto tse di farologaneng tsa TVET e setse di tsentswe tirisong mo dikolong di le 550 mme dikolo di le 67 tsona di setse di simolotse ka go lekelela lekala la ditiro.

Monongwaga re tla aga dikholeje dtse dintšhwa di le robongwe tsa TVET, kwa Sterkspruit, Aliwal North, Graaff Reinet le Ngungqushe kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, mmogo le kwa Umzimkhulu, Greytown, Msinga, Nongoma le kwa Kwagqikazi kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.

Ka ditumelano tsa sekološhipi sa tirisanommogo ya dinagapedi tse re di saenetseng le dinaga tse dingwe, ka iketlo re aga palo e ntsi ya bašwa ba dirutegi ba ba yang kwa dinageng tsa kwa ntle ngwaga mongwe le mongwe go senka katiso mo dikarolong tse di botlhokwa.

Re bone botlhokwa jwa seno ka Lenaane la Katiso ya Bongaka la Nelson Mandela Fidel Castro Medical Training Programme kwa nageng ya Cuba, le ga jaana le setseng le tlhagisitse dingaka tsa kalafo di le 1 200 mme go solofetswe gape gore baithuti ba bangwe gape ba ka nna 640 ba solofetswe go apara diburabura monongwaga ka Sedimonthole 2020.

Lenaane leno ke tlotla e e santseng e le teng so supa tlotlo ya diganka tseno ka bobedi.

Mo ngwageng yo o fetileng ke tlhalositse ka leano la rona la go neela barutwana kwa dikolong dikhophitha tsa dithebolete.

Thulaganyo ya go abelana ka dithebolete tseno e mo tseleng.

Re tlhalositse gore morutwana mongwe le mongwe wa dingwaga di le 10 o tshwanetse go itse go buisa mme a tlhaloganye bokao jwa se a se buisang.

Matsholo a rona a go ruta bana go buisa ba sa le bannye a simolola go bontsha matlhagatlhaga.

Monongwaga re tla tsenya tirisong dirutwa tsa go dira dikhoutu le go dira diroboto mo Mophatong wa R go fitlha go wa 3 mo dikolong di le 200, mme leano le legolo ke gore di tla tsenngwa mo dikolong ka botlalo ka ngwaga wa 2022.

Re sweditse gore re tla aga Yunibesiti ya Dithuto tsa Saense le Boitshimololedi e ntšhwa kwa Ekurhuleni.

Teropokgolo ya Ekurhuleni ke yona e le nngwe fela mo nageng ya rona e e senang yunibesiti.

Seno se tla kgontsha bašwa mo teropokgolong eno go ka katisiwa ka dithuto le kitso ya maemo a a kwa godimo ya boitshimololedi mo thekenolojing ya boitshimololedi e e tlokegang mo diintasetering tsa gompieno le tsa mo nakong e e tlang.

Dipeeletso le kgolo di tlhoka tikologo e e babalesegileng, e e tsetsepetseng le e e senang ditiragalo tsa bosenyi.

Se se botlhokwa go gaisa, ke sengwe se se botlhokwa thata mo diphisegelong tsa batho ba borona botlhe tsa go tshelela mo pabalesegong, kagisong le mo go digetsang matswalo.

Iponagatso ya mapodisi mo mafelong, katiso a a lolameng mmogo le go tlamelwa ka badiredi le metswedi e e lekaneng mo deteišeneng tsa sepodi ke dilo tsa botlhokwa.

Ke beile kwa setlhoeng tsibogelo ya rona malebana le bothata jo bo tsweletseng go gola jwa digongwana tsa dirukhutlhi tse di ebelang di tshosetsa le go batla madi mo ditlamong tsa kago le mo dikgwebong tse dingwe.

Diyuniti tse di Dirang ka Dikgetse tsa Bosenyi tse di Itlhophileng – ka tirisanommogo le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) go akaretsa le Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) – di tlhomilwe go mekamekana le bosenyi jwa mothale ono jo bo nang le seabe sa go kgoreletsa ikonomi ya rona.

Mo go tshegetseng kgolo ya intaseteri ya bojanala, ba SAPS ba tla tlhatlosa go iponagatsa mo mafelong ao a ratwang ke go etelwa ke bojanala.

Go tla katisiwa mapodisi mabapi le Tlhokomelo ya Tshireletso ya Bojanala mmogo le go oketsa palo ya mapodisi a batlatsapalo a a tla tsepamisang mogopolo mo go tlhokomeleng mafelo a a ngokelang bajanala.

Diyuniti tse di lantshanang le digongwana tsa borukhutlhi le tsona di tla matlafadiwa, mme tsa ntlha e tla nna tsa kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, Kapa Botlhaba, Gauteng le kwa Foreistata.

Go latela moletlo wa ikaniso mo sepodising moo bakatisiwa ba le 5 000 ba ikanisitsweng ngogola, bakatisiwa ba sepodis ba bantšhwa monongwaga ba kwadisitswe go ka matlafatsa matshelo a sepodisi sa baagi.

Go tokafatsa boleng jwa diyuniti tse di dirang dipatlisiso tsa SAPS mo dikgetseng tse di tlwaelegileng le tse di itlhophileng, re aga Yunibesiti ya Dipatlisiso tsa go Batlisisa Bosenyi kwa Hammanskraal.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo dikgweding di le thataro tse di fetileng, naga e ntse e tlhamuketse – go ralala le metse ya baagi ba borona, puso ya borona, mekgatlho ya baagi, ya sedumedi, ya semolao le ya palamente – go ka fedisa matsapa a tirisodikgoka e e tlhotlhiwang ke banna mo basading ba naga ya borona.

Ruri e tota e nnile tsibogelo e e tshwaraganeng ya mafolofolo go tswa mo maAforika Borweng otlhe.

Ka go dira gore go nne le tirisanommogo mo setšhabeng go lwantshana le leuba leno, re tla kgona go fitlhelela go le gontsi.

Fela seno ke tshimologo ya kgaratlho.

Re tsentse tirisong leanotiro la tshoganyetso le go beela thoko R1.6 bilione go tshegetsa leano leno go fitlha kwa bokhutlhong jwa ngwaga ono wa matlole.

Go na le kgatelopele mo dikarolong di le dintsinyana.

Re tla baakanya Molao wa Thibelo ya Dikaruru tsa mo Malapeng go sireletsa botoka batswasentlhabelo ba ba iphitlhelang ba le mo dikamanong tsa marato tseo di nang le tirisodikgoka mmogo le Molao wa Ditlolo tsa Molao tsa Thobalano go atolosa lenaneo la batho ba ba welang mo lenaneong la batho ba ba gatakakileng Molao wa Ditlolo tsa Molao tsa Thobalano gore maina a bona a gatisiwe mo Rejisetareng ya Naga ya Ditlhokotsebe tse di Gatakakileng Molao wa Ditlolo tsa Molao tsa Thobalano, mme gape re tla gagamatsa le molao o o tla gagamatsang seelo sa beile le sa go latlhelwa kwa kgolegelong mo ditlolong tsa molao tse di ka ga Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV).

Re ka se tlogele fela dikgato tsa go lwantshana le bonweenwee le go goga puso ka nko.

Re tshwanetse go dirisana mmogo go tumola bonweenwee le go gore re kgone go matlafatsa molao.

Ga re a tshwanela go ntshana le dipipamolomo kgotsa go dira ditiro tsa bonweenwee.

Re tshwanetse go tsosolosa maitsholo a rona a go befa bosenyi fa re bo bona bo diragala.

Ntwa eno e tla atlega fa fela e le gore e gogwa kwa pele ke baagi, e tla gagamatsa tirisanommogo e e nonofileng mo ditirisanommogong tsotlhe tse re nang le tsona.

Ka jalo re nesetsa pula tiro e e tsweletseng go diriwa ke puso ka tshwaraganelo le mekgatlho ya setšhaba e e rwesitsweng maikarabelo a go tlhagisa togamaano ya naga e e ka ga go thibela bonweenwee mmogo le dikgato tse di tla diragadiwang, mme e setse e le gaufi le go konosetsa kgato eno ya tiro.

Re ikaeletse go thankgolola togamaano eno mo gare ga ngwaga.

Tiro ya Moatlhodi Zondo e e ka ga Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko e tsweletse ka tiro ya yona e e botlhokwatlhokwa mme e tshegeditswe ka botlalo ke puso le ditheo tse dingwe.

Ke amogetse pegelo e kgolo e e tletseng tshedimosetso e e ka ga tiro ya Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le Koporasing ya Dipeeletso tsa Puso ka Madi a go Rola Tiro a Badiredi ba Puso (PIC).

Mo matsatsing a a sa fediseng pelo ke tla e phasalatsa mmogo le leano la go samagana le tseo e di utulotseng le ditshitshinyo tsa yona gore baagi ba itseele ka tsebe se se tla kgwiwang ka tlhaa e seng ba utlwa ka tsa kemorakile.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaaka re simolotse go baakanya dikarolo tse di botlhokwa, jaaka re tsenyeletsa diphetogo tse re di dirileng, re tshwanetse go samagana le dikgaolo tse di botlhokwa tsa kgolo e e akaretsang botlhe go ka kgontsha ikonomi ya rona go gola.

Mo go SoNA e e fetileng e ke neelaneng ka yona ke rile mafaratlhatlha ke karolo e e botlhokwa e go beelediwang mo go yona e e tshegetsang phetolo ya meago, kgolo ya ikonomi mmogo le go tlhola ditiro.

 Setlhopha sa Tiragatsotiro sa ba Letloletlamelo la Mafaratlhatlha a Setšhaba se konoseditse lenaneo la diporojeke tse ga jaanong di letetsweng go ka bulelwa gore di diragadiwe mme e bile gape ba simolotse le ka tiro ya go atolosa dipeeletso tsa makala a poraefete mo mafaratlhatlheng a setšhaba ka go bula metswedi ya go dira letseno.

Yona e akaretsa metswedi e e jaaka ya madulo a baithuti, matlo a puso a bao ba humanegileng, tlhagiso ya metsi ka ditlamo tse di ikemetseng, diporo tsa diterene, itlhagisetso ya motlakase, mmetela wa mafaratlhatlha a mebasepala, mmogo le go phasaladiwa ga porotebente.

Setlhopha seno se na le lenaneo la diporojeke tse di nang le dipeeletso tse di ka fetang R700 bilione mo pakeng e e tlang ya dingwaga di ka feta di le 10, go akaretsa seabe sa maphata ka bobedi a puso le a e seng a puso.

Metšhini e e emisang meago e megologolo le e mengwe gape e mentsi ya mebala e e serolwana e re ntseng re na le phisegelo ya gore le rona re e bone e semeletse mo nageng ya rona mo nakong e e sa fediseng pelo le rona re tla e bona letsatsi le lengwe le le lengwe e ntse e semeletse ka tiro ya yona.

Lenaane la dintlo tsa setšhaba le le tla agang madulo a a tla duelelwang kgwedi le kgwedi mo go bao ba iponelang letseno le le kwa tlase le setse le simolotse go tsenngwatirisong, e leng seo se tla tlisang madi a le kanaka R9 bilione kwa dipeeletsong tsa makala a poraefete mo go tla agiwang magae a le kanaka 37 000.

Bašwa ba rona ba ba leng kwa diyunibesiting le kwa dikholejeng tsa TVET ba tobane le dikgwetlho tse di bokete fa go tla mo madulong.

Ba bangwe morago ga dithuto tsa letsatsi ga ba itse gore ba tla latsa kae tlhogo mme ba iphitlhela ba thulamela mo dilaeboraring.

Re tlile go dirisa madi a le kanaka R64 bilione mo dingwageng tse di tlang go agela baithuti mafelo a bodulo mme re tla lebisa R64 bilione e nngwe kwa dipeeletsong tsa ditlamo tsa poraefete.

Diporojeke tseno tsa dikago di letetse fela lentswe gore di simolole.

Re ntse re touta kgang e le nngwe e e ka ga Letamo la Umzimvubu kwa Kapa Botlhaba sebaka se se ka nnang dingwaga di le lesome jaanong, mme fa o leba ga go sepe se se dirilweng go supa kgatelopele.

Re ikemiseditse go konosetsa kgang ya dikgwetlho tsa matlole mmogo le dikgwetlho tse dingwe tse di re diegisitseng le go tima baagi ba lefelo leno motswedi yo o botlhokwa yono.

Go setse go simolotswe ka go aga tsela, mme mo nakong e e sa fediseng pelo ke tla jela lefelo leno nala go lekola gore go ntse go tsamaega jang.

Re thankgolola Letloletlamelo la Dithoto tsa Bojanala monongwaga go ka potlakisa thefosano ya maemo mo lephateng la bojanala.

Ngogola ke kopile baagi mo nageng go nkema nokeng mo go boneleng pele teropo e ntšhwa e e kgabileng ka didirisiwa tsa thekenoloji ya segompieno, teropo ya mmatota e e senang matsadi a puso ya tlhaolele e e tla tlisang phetogo mo loagong le mo ikonoming tse di tlhodilweng ke maano a puso ya tlhaolele.

 Go setse go boloditswe letsholo la go aga teropo e ntšhwa e e kgabileng ka didirisiwa tsa thekenoloji kwa Lanseria, mme mo pakeng ya dingwaga di le lesome go tloga jaanong batho ba ka nna 350 000 go ya go 500 000 ba tla nna koo.

Thulaganyo eno e gogwa kwa pele ke Kantoro ya Dipeeletso le Mafaratlhatlha e e leng ka fa tlase ga Kantoro ya Moporesitente mmogo le dipuso tsa diporofense e leng ya Gauteng le ya Bokone Bophirima, tseo di tla dirisanang mmogo ka tshwaragano ya mebasepala ya Johannesburg, Tshwane le Madibeng.

 Ka go dirisana le ditheo tsa matlole a tlhabololo, re tlhamile thulaganyo ya boitshimololedi e e tla tlamelang ka matlole ditirelo ka mmetela tsa kgeleloleswe, motlakase, metsi, mafaratlhatlha a thekenoloji mmogo le ditsela e leng tsona tsa ntlha tse di tla tsenngwang mo teropong eno e ntšhwa.

E ka se nne fela teropo e e dirisang thekenoloji ya segompieno le go siamela ditirelo tsa inthanete e e lebelo ya 5G, e tla nna gape sekai mo kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara fa go tla mo mafaratlhatlheng a a sa utlwiseng tlhago botlhoko.

Re tla lekelela gape le lenaane la ditsela tsa mothale o mongwe kwa makeišeneng le metseselegae moo ditsela di le nne tse di tla bong di lekelelwa gore di loketse go ka dirisiwa di tla alwang boleele jwa dikhilomitara di le 50 mo mafelong a le mmalwa a a farologaneng ka fa nageng.

Letsholo leno le tla thusa puso go somarela matlole, la tlamela batho ka bokgoni jwa mmatota le go thapa palo e e kwa godimo ya badiri ba ditiro tse di boima go gaisa ditiro tse ka gale di tlhagisiwang ke ditiro tsa go aga ditsela tse di tlwaelegileng.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Re tobane le dikgwetlho tsa botlhokatiro mo bašweng.

Mo bašweng ba le 1.2 milione ba ba iponelang ditiro ngwaga mongwe le mongwe, ba ka nna ba le babedi mo go ba le bararo ba iphitlhela ba latlhegetswe ke ditiro, ba sena dithuto le dikatiso tse di maleba.

Bašwa ba feta halofo ya palo yotlhe ya bona ga ba na ditiro. Ano ke matsapa a a seng kana ka sepe.

Re tshwanetse go netefatsa gore naga eno e tswela bašwa ba rona mosolo, gore le bona ba kgone go tswela naga eno mosola.

Tharabololo ya bothata jono e tshwanetse go tlhaga le dikarolo di le pedi – re tshwanetse go bulela ditšhono tsa gore bašwa ba bone ditiro mmogo le tsa gore ba itshimololele dikgwebo tse e leng tsa bona.

Fa go tla mo ditšhonong tsa ditiro mo bašweng, go tloga mo go ona motsotso yo, re simolola ka go diragatsa letsholo la Moporesitente la Dikgato tsa Tsereganyo ya go Tlholela Bašwa Ditiro – dikgato di le thataro tse di kwa setlhoeng mo pakeng e e tlang ya dingwaga di le tlhano go fokotsa botlhokatiro mo bašweng.

Kgato ya ntlha, re bulela bašwa ditsela mo ikonoming.

Re tlhagisa ditharabololo tsa maemo a a kwa godimo go ka tswela bašwa mosola gongwe le gongwe ko ba leng – ka go dirisa mafaratlhatlha a inthanete, ka mogala le ka go ikopanya ka namana le bona.

Seno se tla dira gore ba iponele tshegetso e e mo dinakong, tshedimosetso le dikatiso tsa go ba baakanyetsa go ka tsena mo tirong gore ditšhono tsa bona tsa go ka bona ditiro di oketsege mmogo le go nopola ditšhono tse ba di bonang di tsamaisana le bokgoni jwa bona.

Go simolola mo kgweding eno, re thankgolola mafelo a tekelelo mo diporofenseng di le tlhano mme a tla tle a atolosiwa go nna letlotlo la naga go ka thusa batho ba feta ba le dimilione di le tharo ka go dirisa mefuta e le mentsi e e farologaneng ya dirala.

Seno se tla dira gore ba iponele tshegetso e e mo dinakong, tshedimosetso le dikatiso tsa go ba baakanyetsa go ka tsena mo tirong gore ditšhono tsa bona tsa go ka bona ditiro di oketsege mmogo le go nopola ditšhono tse ba di bonang di tsamaisana le bokgoni jwa bona.

Kgato ya bobedi, re fetola ka fao re baakanyetsang bašwa bokamoso mo ditirong tsa isago, ka go ba tlameka ka dikhoso tse di sa ba tseyeng sebaka go di konosetsa mme di tsamaya le dinako e bile di tobaneng le bokgoni jo bo rileng jo bathapi mo makaleng a a golang ka lobelo ba bo tlhokang.

Kgato ya boraro, re thankgolotse ditsela tse dintšhwa tsa boitshimololedi go tshegetsa bašwa ba ba itshimololelang dikgwebo le ba ba ithapang ka bobona.

Kgato ya bone, re atolosa Letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa (YES) mmogo le go dirisanammogo le dikholeje tsa TVET le makala a poraefete go netefatsa gore baithuti ba bangwe ba bantsi ba iponela maitemogelo a kwa tirong mo mafelotirelong gore ba kgone go konosetsa katiso ya bone.

Kgato ya botlhano, re tlhoma setlhopha sa ntlha sa Lenaane la Moporesitente la Ditirelo tsa Bašwa e leng se se tla bulelang setheo sa bašwa le go ba tlamela ka ditšhono gore le bona ba iponele letseno fa ba ntse ba semeletse go aga setšhaba.

Kgato ya bofelo, re tla etela kwa pele letsholo la ditiro tsa bašwa mme lona le tla tlamelwa ka matlole ka go beela kwa thoko 1% ya madi a tekanyetsokabo a a tla dirisediwang go samagana le maemo a a kwa godimo a botlhokatiro mo bašweng.

Seno se tla diragadiwa ka go tsaya bontlha jwa kwa godimo mo tekanyetsokabong, mme seno se tla tlhoka gore rotlhe re boloke madi ka bontsi mme re lebise metswedi ya rona kwa go samaganeng le kgwetlho eno e e aparetseng naga ya rona ya botlhokatiro mo bašweng.

Tona ya Matlole o tla baya kwa setlhoeng letsholo leno le go abelana ka dintlha tse di rileng fa a neelana ka Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) kwa bofelong jwa monongwaga.

Dikgato tseno di le thataro bojotlhe jwa tsona di tla netefatsa gore mošwa mongwe le mongwe mo nageng ya rona o na le koo a ka bonang tiro gone, koo matlhagatlhaga a a nang le one le bokgoni jo a nang le jone bo tla dirisiwang, le go netefatsa gore ba tsaya karolo mo kgolong ya metse e ba tswang kwa go yona le mo nageng ya bobona.

Jaaka karolo ya dikgato tseno tsa go tsereganya, ba Setheo sa Naga sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) mmogo le ba Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana ba tla abelana ka tlamelo ya matlole a go tshegetsa dikgwebo tsa bašwa ba le 1 000 mo matsatsing a le 100 a a tlang – mme seno re se simolola go tloga kamoso one o re yang kwa go one.

Re laleditse ba le bararo ba bašwa bano ba ba itshimololetseng dikgwebo gore ba tle go re etela bosigong jono e bong: Siyabonga Tiwana, Sibusiso Mahone le Tholakele Nkosi.

Bašwa bano mmogo le ba bangwe ba ba jaaka bona ba bontsha gore, fa ba neilwe tshegetso e ba e tlhokang, ba ka itirela ditšhono ka bobona.

Baitshimololedikgwebo bano ba bararo ba bašwa ke karolo ya lenaane le legolo le le gagmetseng go ka thusa baitshimololedikgwebo ba bangwe gape ba bašwa ba le 100 000 mo pakeng ya dingwaga di le tharo tse di tlang gore ba iponele katiso ya bokgoni jwa go tsamaisa dikgwebo, go tlamela ka matlole le go tlhokomedisia dimaraka.

Matlafatso ya basadi e botlhokwa mo go maswe mo kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe.

Re tsenya tirisong serala sa SheTradesZA go thusana le basafi ba ba nang le dikgwebo go tsaya karolo mo mebarakeng ya lefatshe ka bophara.

Mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) e batla gore R10 bilione e tlamele basadi bao e leng beng ba dikgwebo kgotsa bao e leng batsholadishere mo kgwebong eo ba e tshwaraganetseng le ba bangwe go thusa go matlafatsa dikgwebo tse di laolwang ke basadi ka go di tlamela ka matlole.

Go thusa go dira maraka o mogolo wa dikgwebopotlana, re samagane le go loga maano a go dira gore ditlhagisiwa di le 1 000 e nne tse di tlhagisitsweng ke dikgebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolo (SMME).

Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba mo nakong e e sa fediseng pelo o tla romelwa kwa Palamenteng jaaka karolo ya rona ya go maatlafatsa dikgwebo tsa bana ba mmala wa sebilo le tseo e leng gona di supologang mmogo le go potlakisa phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi.

Monongwaga, re gagamatsa letsholo la rona la dipeeletso ka ditheo tse di golaganeng tsa tsholetso ya dipeeletso le taolo tse di tla laolwang ke Kantoro ya Moporesitente.

Re tla tshwara Khonferense ya boraro ya Dipeeletso mo Nageng ya Aforika Borwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele go sekaseka ditsholofetso tsa dipeeletso tse di diragaditsweng tsa mo nakong e e fetileng mmogo le go bulela dipeeletso tse dingwe gape tse dintšhwa mo ikonoming ya rona.

Mo Khonferense ya bobedi ya Dipeeletso mo Nageng ya Aforika Borwa ngogola, ditlamo di feta di le 70 di solofeditse fa di tla beeletsa bokanaka R364 bilione mo go ageng diintaseteri tse di farologaneng tse di jaaka tsa tlhagisodikuno, tsa tlhagiso ya dijo, tsa kago ya mafaratlhatlha, tsa meepo, tsa ditirelo, tsa bojanala le tsa borobasogo.

Mo dingwageng tsa ntlha di le pedi tsa letsholo la rona le le matlhagatlhaga la dipeeletso re kgonne go bokeletsa ditsholofetso tsa dipeeletso tsa bokanaka R664 bilione, e leng palo e e fetang halofo ya peelo ya rona ya dingwaga di le tlhano ya bokanaka R1.2 trilione.

Se se botlhokwa go gaisa ke gore, dipeeletso tseno di na le mosola wa mmatota.

Go fitlha ga jaana diporojeke tsa dipeeletso tsa boleng jwa R9 bilione di setse di konoseditswe mme diporojeke di ka nna 27 tsa boleng jwa R250 bilione di mo kgatong ya go tsenngwa tirisong, mme bontsi jwa tsona bo tla diragadiwa monongwaga.

Ke setse ke etetse difeme tse di sa tswang go agiwa tse di betlang megala e e dirisang thekenoloji ya segompieno, le madutelo a a atolositsweng gore a kgone go tlhagisa dijanaga tse dintsinyana, mmogo le go etela mafelo a a santseng a agiwa kwa mafelong a ditirelo tsa batlamedi ba ditirelo.

Re setse re etetse kwa pulong tsa mafelotirelo a a tlhagisang ditlhagisiwa tse di tsenyeletsang megala ya motlakase, dilwana tsa ka fa teng tsa bomme, ditaere le dijo mo go tse dingwe tse dintsintsi.

Re nnile le kgatelopele e e bonagalang thata mo go konosetseng le mo go tsenyeng tirisong maano a magolo mo dikarolong tse di botlhokwa tsa ikonomi.

Maano ano a magolo a golaganya maphata puso, a mekgatlho ya badiri le a dikgwebo gore a buisane ka dikgato tse di ka diragadiwang go ka tlhatlosa kgolo mo makaleng mme lephata lengwe le lengwe le tshwanetse go nna le seabe mo go netefatseng gore maano ano a atlega.

Ditebogo ka bontsi di reomelwa kwa Leanong le Logolo la Lephata la Dijanaga, ka ntlha ya lona re kgonne go rekisetsa dinaga tsa kwantle dijanaga tse dintsi go feta mo dinakong tse di fetileng, mme seno se kgonne gore re neele bašwa ba kwa Kapa Botlhaba le ba kwa KwaZulu-Natal ditiro.

Re thankgolotse Lefelo le le Itlhophileng la Ikonomi (SEZ) la ditlamo tsa dijanaga kwa masepaleng wa Tshwane, e leng se se tla oketsang tlhagiso le batlhagisi ba ka fa nageng ba dikarolo tse di tlhokagalang tsa dijanaga.

Leanong le Logolo la Ditlamo tsa Masela, leo le saenilweng ngogola, mailhomo a lona ke go tlhola ditiro tse dintšhwa di le 121 000 mo makaleng a ditlamo tsa diaparo le tsa ditlhako mo dingwageng tse di tlang di le lesome.

Leano leno le tsenyeletsa ditsholofetso tse di solofeditsweng ke beng ba dikgwebo tsa go reka ditlhagisiwa ka fa nageng, tse di dirilweng ke batlhagisi ba dikuno gore ba tla beeletsa le go tshegetsa phetolothefosano, mmogo le tse di dirilweng ke mekgatlho ya badiri tsa go tlhoma lekgotla la dipuisano le le tla tlhotlheletsa tlhagisodikuno e e potlakileng.

Mo letlhakoreng la yona, puso e setse e simolotse go tsaya dikgato tse di bogale tse di kgatlhanong le go reka dilo tse di tswang kokwa ga melelwane mme di tsene ka fa nageng ka tsela e e seng ka fa molaong, mo go feditseng go thopilwe di dikhontheinara tsa merwalo di ka nna 400 tse dithoto tse di leng ka fa teng ga tsona di leng ditlhwatlhwatlase e e sa dumelesegang mo kotareng e e fetileng ya 2019.

Sutu e e ke e apereng gompieno, fela jaaka e ke neng ke e apere ngogola, e rokilwe ka fa nageng ke maAforika Borwa a a dirang mo lefelong le le rokang disutu tseno. Ke rata go ka rotloetsa baagi botlhe ba ka fa nageng go reka ditlhagisiwa tsa ka fa nageng ya rona ya Aforika Borwa.

Re konoseditse Leano le Legolo la Lephala la Dikgwebo tsa Dinama tsa Dikgogo go ka thusana le baruakgogo le dikgwebo tse dingwe tsa dikgogo mme ba boloke ditiro tse lekala leno le di tlhodileng di le 54 000 fa mo letlhakoreng le lengwe go tlhodiwa ditšhono tse dingwe tsa ditiro.

Intaseteri eno jaanong e tobane le gore lephata leno le gole, le tlhagise dikuno tse dintsi le go ngokela dipeeletso tse dingwe gape tse dintsinyana.

Mo dibekeng di le pedi, re tla tlhoma tlhatloso e ntšhwa ya lekgetho la nama ya kgogo e e tswang kwa dinageng tsa kwa ntle e le kgato ya go tshegetsa diintaseteri tsa ka fa nageng.

Ka go dirisanammogo le balemirui le batlhankedi ba intaseteri e e dirisang ditlhagisiwa tsa balemirui, re tlhagisitse leano la go ka thibela tatlhegelo ya ditiro mo intasetering ya tshukiri mme mo pakeng ya dibeke di sa fete di le thataro re tla konosetsa Leano le Legolo la Ditlamo tsa Lephata la Tshukiri; mme gape re solofela le gore Leano le Legolo la Ditlamo tsa Lephata la Tshipi le lona le tla konosetswa mo pakeng ya dibeke di sa fete di le thataro.

Go tloga motsotso one o gompieno, melawanataolo e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Puso e tla re kgontsha gore re bolotse dipatlisiso le go tsaya dikgato kgatlhanong le kgatakako ya ditshwanelo tsa moreki le ditlhwatlhwa tse di tsayang letlhakore.

Seno se tla thusa go okobatsa maemo mo kgwebisanong magareng ga dikgwebopotlana le baitshimololedikgwebo ba ba santseng ba supoga.

Dipatlisiso tse di setseng di rebotswe mo bareking ba ditirelo tsa datha, ba mabenkele a dijo le ba ditirelo tsa boitekanelo di tlhagisitse mabaka a a utlwagalang a gore bareki ba fokolediwe ditlhwatlhwa tse ba di duelelang fa ba reka ditirelo le ditlhagisiwa tseno mmogo le go rulaganya lekala leno gore le tsamaisiwe ka tolamo le go tshwana le a mangwe.

Bothati jo bo laolang maemo a tolamo ya dikgwebo bo semeletse mmogo le ditlamo tse digolo tsa megala go batlana le ditharabololo mo go kgaoleng ka bogolo ditlhwatlhwa tsa go reka datha ya kgwedi le kgwedi mo bathong ba ba dirisang megala e e setseng e feditswe go duelelwa, mmogo le go nna le dituelelotlase tse di totileng malapa a a iponelang letseno le le kwa tlase, go tsenyetsa le go neela batho datha ya mahala mmogo le go bulela diwebesaete tse di nang le tshedimosetso e e ka ga thuto le ka ga tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa ya setšhaba gore batho ba di fitlhelele ntle le go duelela madi a inthanete.

Eno ke kgato e e botlhokwa thata mo go tokafatseng matshelo a batho, go dira gore batho ba nne le seabe mo ikonoming ya rona e e dirisang tshedimosetso ka didirisiwa tsa dijithale le go tlhotlhetsa dikgwebo mo mafaratlhatlheng a inthanete.

Ikonomi ya rona e e dirisang tshedimosetso ka didirisiwa tsa dijithale e tla tswelela go goga kwa pele kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro.

Khomišene ya Moporesitente e e ka ga Diintaseteri tsa Thekenoloji e dirile ditshitshinyo tse dintsi tse di ka ga karolo nngwe le nngwe ya ikonomi mo dikarolong di le dintsi tsa matshelo a rona.

Pegelo ya khomišene e e re tlamela ka didirisiwa tse di tla re thusang go netefatsa gore re soreletsa dipoelo tse digolo tse di tlisiwang ke diphetogo tseno tsa thekenoloji.

Karolo e e botlhokwa ya katlego ya rona mo mererong ya ikonomi ya rona e e dirisang tshedimosetso ka didirisiwa tsa dijithale ke go nna le marang a kgaso a a tlhokagalang thata gore re kgone go atolosa phitlhelesego le tshepelo mo go porotebente.

Bothati jo bo maleba, e bong Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa), bo tsere dikgato tsa go konosetsa go rebolela diintaseteri tse di maleba dilaesense tsa marang a kgaso a a tlhokagalang thata ka go dirisa mokgwa wa go tshwara difantisi pele ga bokhutlho jwa ngwaga wa 2020.

Ka ntlha ya ditlhokwa tse dingwe gape tsa tlaleletso, thebolo ya dilaesense tsa Wireless Open Access Network (WOAN) e bonagala e tla konosediwa mo tsamaong ya ngwaga o o tlang.

Temothuo ke e nngwe ya diintaseteri tse di nang le ditšhono tse dintsi tsa kgolo ya ikonomi.

Monongwaga re tsenya tirisong ditshitshinyo tse di botlhokwa tse di rebotsweng ke Phanele ya Boeletsi ya Moporesitente e e ka ga Merero ya Kabosešwa ya Naga le ya Temothuo go ka potlakisa kabosešwa ya naga, go ka atolosa ditlhagisiwa tsa temothuo le go ka refosana taolo ya intaseteri eno.

Puso e eme sejaro – go latela konosetso ya dithulaganyo tsa Palamente tse di mabapi le go kwalolasešwa karolo ya bo 25 ya Molaotheo – go ka rebola Molaotlhomo wa Thopo ya Dithoto ke Puso o o tlhalosang mabaka a a tla dirang gore lefatshe le thopiwe ntle le gore puso e duelele le fa e le sente yo montsho.

Go fitlha motsing ono, re setse re gololotse diheketara di le 44 000 tsa mafatshe a a leng mo diatleng tsa puso gore baagi ba a tsee go a dirisetsa mabaka a bodulo mme seno e leng kgato ya ditopotuelo tsa dipusetso tsa dinaga, mme godimo ga seno, monongwaga re tla golola diheketara di le 700 000 tsa mafatshe a puso gore a dirisediwe go lema le go rua mo go ona gore a tlhagise dijo.

Re tla thusa pele bašwa, basadi, batho ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le batho ba ba ntseng ba samagane le ditiro tsa bolemirui mo mafatsheng a setšhaba mme ba eme sejaro go ka atolosa ditiro tsa bona go tlamelwa ka katiso le go abelwa mafatshe a a tla ba kgontshang go dira tiro ya bona ka bojotlhe.

Pholisi e ntšhwa ya bajalefa e re bajalefa botlhe ba ba batlang go neelwa lefatshe ba tshwanetse go tsenela katiso pele ba ka neelwa lefatshe.

Ka ntlha ya komelelo e e runtseng mo mafelong a le mantsi ka fa nageng, balemirui ba latlhegetswe ke dijalo tsa bona mmogo le leruo fa badiredi ba le bantsi ba balemirui bona ba latlhegetswe ke ditiro le ditsela tse ba neng ba itshepetse mo go tsona go iphedisa.

Ka go dirisanammogo le Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo mmogo le makgotla a mangwe a saense le a temothuo, re logile maano a go samagana le maemo a komelelo a a tla tlhagisang disana tse di sa sweng ka ntlha ya komelelo, mafelo a go tla jalwang mo go ona le a a tla dirisediwang go bolokela dijalo, go utlololwa ga dijalo tse di melang foo di sa tshwanelang go mela gone

mmogo le dithulaganyo tsa taolo tse di tla thibelang gore mmu o felelwe ke boleng jwa one.

Monongwaga re tla letlelela tiriso ya kgwebisano ka motekwane le go tsenya melawanataolo ya ona tirisong, e leng se se tla neelang balemirui ba ba potlana ba ba gwebang ka ona go iponela ditšhono tsa kgwebo; mmogo le go kwala pholisi e e tlhalosang gore ditlhagisiwa tsa motekwane di tla dirisiwa jang mo melemong ya kalafo, go dira gore intaseteri eno e tshwane le tse dingwe tse di leng teng mo lefatsheng.

Melawanataolo e e tshwanetsweng go latelwa e tla tle e rebolwa ke tona e e maleba mo nakong e e sa fediseng pelo.

Naga e e bontshang kgolo le tlhabololo ya mmatota ke eo batho ba yona ba tshelang ka boitekanelo e bile ba na le seabe se se mosola mo tlhagisong ya ikonomi, mme e bile gape ba kgona go fitlhelela tlhokomelo ya boitekanelo e e nang le boleng e bile e duelesega.

Re nopotse tshegetso e maAforika Borwa ba e bontshitseng mo nakong ya fa go ne go rebotswe letsholo la go batla maikutlo a maAforika Borwa ka ga Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI), mme jaanong re tsenyatirisong dikgato tse di tla tseewang go e tsenyatirisong go latela gore Palamente e konosetse thulaganyo eno.

Mo go ipaakanyetseng NHI, re setse re kwadisitse batho ba feta ba le 44 milione kwa ditleliniking di le 3 000 mo Lenaneong la Thulaganyo ya Boitekanelo la go Kwadisa Balwetse, mme jaanong re semeletse go tsenya thulaganyo eno le kwa dipetleleng.

Ke tsosolositse Setlhophatiro sa Moporesitente sa Merero ya Bogolofadi gore se re tlhabe botlhale mo kantorong ya me ka dikgato tse di ka tsewang go ka tlhotlheletsa matlafatso ya batho ba ba tshelang ka bogolofadi jaaka puso e le yona e e logang maano, e rebolang tekanyetsokabo le go diragatsa manaane a yona.

Go latela gore Lefapha la Thuto ya Motheo ka ngwaga wa 2018 le tsibogele Puo ya Diatla ya Naga ya Aforika Borwa jaaka puo ya ka fa lapeng mmogo le ditshitshinyo tse di dirilweng ke Komiti ya Palamente ya Kwalosešwa ya Molaotheo tse di rebotseng gore puo eno e akarediwe go nna ya bo 12 ya tse dingwe tsa dipuo tsa semmuso mo nageng, jaanong re a gapeletsega gore kgang eno e garelwe.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo bekeng eno kwa tshimologong, ke ne ke le kwa Addis Ababa kwa Ethiopia, mo naga ya Aforika Borwa e neetsweng maemo a Monnasetulo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mo ngwageng wa 2020.

Re tsorama setulo seno ka nako e e botlhokwa thata mo kontinenteng ya rona.

Monongwaga ke ngwaga o go tla tsenngwang tirisong Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA).

Eno ke tšhono ya rona, jaaka baagi ba kontinente eno, go diragatsa ditoro tsa bontatemogolo le bo kokokhukhu ba rona ba ba neng ba ratile gore Aforika e nne seoposengwe.

Samiti ya AU e e ka ga Ditiragalo tse di tswileng Diatla e tla tshwarelwa mo nageng ya Aforika Borwa monongwaga gore re tle re konosetse dikgato tse di amanang le AfCFTA pele e tla tsenngwa tirisong ka letlha le le beilweng la bo 1 Phukwi 2020.

Fano re tla konosetsa melao e e tlhalosang gore setlhagisiwa fa go buiwa ka gore 'Se dirilwe mo Aforika' go abo go buiwa ka eng, dituelelo tsa lekgetho tse di tla fokodiwang moo e bile mo mafelong a mangwe go ka se nneng le dituelo le tsa fa e le sente yo montsho mo dingwageng tse di tlang di le tlhano, mmogo le makala a ditirelo a a tla letlelelwang go dira go ralala le kontinente yotlhe.

Ke kopa le nkadimeng tsebe ke tsee motsotso ono go akgola mokaulengwe wa rona, Rre Wamkele Mene, yo mo bokhutlhong jwa beke e e sa tswang go garela a tlhophilweng go nna Mokwaledikakaretso wa ntlha wa AfCFTA, mme re mo netefaletsa gore re tla tswelela go mo ema nokeng jaaka a tla bo a tsena mo maemong a gagagwe a a tiro e e iseng e diriwe tota e e rweleng boikarabelo jo bo tona tota.

Ka jalo Aforika Borwa mo pakeng ya yona ya go nna Monnasetulo wa AU e beile kwa setlhoeng matlafatso ya basadi ba mmala wa sebilo mo mererong ya ikonomi, ka go dirisana le dinaga tse dingwe tse e leng leloko go ka tlhagisa dikgato tse di tla tlhotlheletsang ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona, go reka ditlhagisiwa kgotsa ditirelo tse di tlhokiwang ke makala kgotsa mafapha a puso mo bagwebing bao mo malobeng ba neng ba thibetswe ditšhono tseno mmogo le go reka le mo dikgwebong tsa basadi.

Ditlhogo tsa mebuso ya dinagaleloko la AU di ikantse go ema nokeng dikgato tse di tobaneng le go fedisa GBV mo kontinenteng, mme ba tla netefatsa gore Ditshwetso tse di tserweng mo Kopanokgothakgothe ya AU tse di kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading di a diragadiwa.

Ka Letsholo la go Sekasekana Makoa la Dinaga tsa Aforika, Aforika Borwa e tla dirisana le dinaga tse dingwe go ka atolosa taolo e e lolameng ya puso le ya temokerasi.

Re tla dira tsotlhe tse di leng mo matleng a rona – go akaretsa le go dirisa maemo a rona a go nna tokololo mo Lekgotleng la Pabalesego la Dinagakopano (UN) – go rotloetsa dikgato tsa go rarabolola dikgotlang ka kagiso, bogolosegolo mo kontinenteng ya rona.

Ditokololo tse di tlotlegang,

MaAforika Borwa a gaetsho,

Sengwe le sengwe se re se dirang se tshwanetse go nna le ka fao se tla diragadiwang ka teng ka tshwanelo.

Ke ka ntlha ya seno re tsentseng tirisong Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM), e leng karolo e e tshwanang e le esi ya tirisanommogo e e tsenyeletsang batsayakarolo ba ba botlhokwa mo tikologong nngwe le nngwe gore re kgone go bulela tlhabologo le ditšhono tsa ikonomi.

Leano leno le baakanya ditiro tsa puso fo di neng di sa tlhole di dira ka tshwanelo.

Mo go SoNA ya Tlhakole 2019, ke samagane le dintlha di le tlhano tse di neng le le botlhokwa thata mo nakong eo, e e botlhokwa tota gareng ga tsone e ne e le matlafatso ya puso gore e kgone go tsibogela ditlhokwa tsa batho ba yona.

Mefutafuta e mentsi ya ditiro tse di botlhokwa e boloditswe goralala le maphata a puso go matlafatsa pusoselegae, jaaka e le yona karolo ya puso e e tlamelang baagi ka ditirelo, gore e kgone go tsibogela maikarabelo a yona a a ka ga tlhabologo gore e kgone go tlhagisa ditsela tse di ka rarabololang ditlhokwa tsa loago, ikonomi le tseo baagi ba nang le tsone gore matshelo a baagi a tokafale.

Puso ya porofense le ya bosetšhaba di tla oketsa matsapa a tsone gore di kgone go tshegetsa le go matlafatsa bokgoni jwa mebasepala jaaka go tlhalositswe mo go Karolo ya bo 154 ya Molaotheo e e laolelang gore dimasepala di tshwanetse go disiwa le go tshegediwa.

Ke fela fa e le gore ditheo tse di tshwanetseng go tshegetsa dimasepala di reteletswe ke go dira tiro ya tsone moo khuduthamaga ya porofense kgotsa ya bosetšhaba e ka tsholetsang Karolo ya bo 139 go tsereganya mo go thuseng pusoselegae go ikemela.

Mo motsotsong yo re leng mo go ona o ke mebasepala e le 40 e e leng ka fa tlase ga taolo ya karolo eno.

Dikgato tse di tla tsewang di tla tsamaisana le dipeelo tsa DDM, e e ikaeletseng go golaganya maphata a kabo ya ditirelo gore a dirisane mmogo.

Baagi ba Masepala wa Mamusa kwa porofenseng ya Bokone Bophirima ba setse ba bone mosola wa thulaganyo eno, moo DDM e dirisiwang ka tolamo go fedisa mafelo a go neng go latlhelwa ditlakala gone go se mo molaong, mo go ntšhwafatseng mafelo a bodutelo jwa metsi, mo go fediseng kelelo ya dikgwerekgwere mo mebileng, mo go ageng ditsela le mo go tsenyeng dipeipi tsa metsi, mmogo le go tsenyetsa dikolo tsa kwa metseselegaeng dintlwanaboithusetso le dipompo tsa metsi.

Monongwaga re ikaeletse go atolosa DDM go e tsenya gape le mo ditikologong tse dintšhwa di le 23, re dirisa seo re ithutileng sona go tswa mo ditikologong di le tharo tse re neng re lekelela mo go tsona ka fao thulaganyo eno e tla diragadiwang ka gone – e leng Masepala wa Tikologo wa OR Tambo, wa Ethekwini mmogo le Masepala wa Tikologo wa Waterberg.

Go ka matlafatsa tiro ya puso le go rwala maikarabelo, ke tla saena makwalo a kutlwanelo ya tiragatso ya tiro le ditona tsotlhe pele kgwedi eno e konosela.

Ditumelano tseno – tse di ikaegileng ka dipeelo tse di leng teng ka fa Letlhomesong la Togamaano ya Pakagare (MTSF) – di tla itsisiwe mo setšhabeng gore baagi ba Aforika Borwa ba kgone go rwesa batho ba ba ba tlhophileng maikarabelo.

Dikutlwanelo tsa tiragatso ya tiro tseno re di bona e le ntlha e e botlhokwa mo go itlwaetseng botlhokalehunela le mo go bontsheng fa re na le maikarabelo, mo bao ba rweswang maikarabelo a go direla setšhaba – e ka tswa e le a botlhankedi jwa go tlhophiwa go emela kantoro e e rileng kgotsa e le a go thapiwa mo ditheong tsa tirelo setšhaba – gore ba dire seo ba selofetsweng gore ba tla se dira.

Ke dikgato tseo mo go tsona go ka se letlelelweng bonweenwee, go thapana ka losika kgotsa ka botsalano le go tshosetsana, moo dikgato di tla tsewang kgatlhanong le bao ba dirisang botlhaswa matla a bona kgotsa ba ba utswetsa setšhaba madi.

Fa e sale ke tsena mo kantorong eno, ke simolotse dikgato mo Kantorong ya Moporesitente le mo maphateng a mangwe a Puso go sala morago kgatelopele e edirilweng mo matsholong a a potlakileng a a ka ga pusetsodinaga.

Re tlhomile Katoro ya Taolo ya Diporojeke, Yuniti ya Peeletso mo Mafaratlhatlheng a Naga mmogo le Pholisi ya Ditirelo tsa Dipatlisiso go samagana le dikgoreletsi tsa go tsosolosa le go tokafatsa ditirelo tsa puso.

Diyuniti tseno di dirisana mmogo le Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha (PICC), InvestSA mmogo le Setlhophatiro se se Mabapi le go Nolofatsa go Dira Kgwebisano gore di sutise dikgoreletsi tsa dipeeletso le kgolo ya ikonomi le go netefatsa gore puso e dira kgatelopele ya ka bonako e e bonagalang.

Jaanong ka dithulaganyo di setse di siametse go ka dira tiro ya tsona mo katorong e kgolo ya puso, re tla simolola ka dikgato tse di botlhokwa tse di potlakileng le go tsereganya fa go tlhokagalang go netefatsa gore di diragadiwa ka tshwanelo.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Re iphitlhela re le mo maemong a a diphatsa mo re tshwanetseng go tsaya ditshwetso mo hisetoring ya rona.

Re iphitlhela re le mo maemong a a boima e bile re etsaetsega, fela le ga go le jalo eno gape ke nako e e phophomang ka ditšhono.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng, re ntse re samagane le go go aga motheo o kgolo ya rona e tla itsetsepelang ka ona.

Nako jaanong e gorogile gore re agelele mo motheong oo, gore re kgone go tlisa tshwaragano, tirisanommogo le go somarela tseo re nang le tsona.

Ga re kitla re ikobonya fa go tla mo isagong ya rona, ga re kitla re itlhaetsa matlho kgotsa go arogana kgotsa gona go letla bao ka gale ba senang tse dintle tse ba ka di buang ka tiro e re semeletseng mo go yona ya go tokafatsa matshelo a batho ba borona go fenya.

Re tla tswelela ka letsholo la rona la go tokafatsa matshelo a batho ba borona.

Re tla tsholetsa diphetogo.

Ra itumelela botshelo.

Ga re kitla re boifa sepe.

Fa re tsweletse mo letsholong la rona re tla itiisa mooko ka go ikgopotsa mafoko a pina ya seopedi se sengwe sa naga ya Aforika Borwa se se tseelwang kwa godimo, Rre Joseph Shabalala, yo e leng ene yo a simolotseng setlhopha sa mmino sa Ladysmith Black Mambazo, yo mo bekeng eno re tla bong re lela mmogo le ba lelapa la gagwe ka tatlhegelo ya gagwe mo botshelong.

Le fa tota pina eno e kwadilwe bogologolo tala, mafoko a yona a santse a na le boleng mo nakong ya gompieno:

“Le fa re tobane le dithaba tse dikgolo,
Re gapeletsega go kgabaganya maphotho a a kubang ka bogale mo mawatleng,
Re tshwanetse go itse mo re emeng mo hisetoring ya rona,
Mme re tshele botshelo jo bo nang le seriti,
Jaaka re di tantabela go leba bokamosong jwa rona
Tšhabo e ntšhwa e setse e tšhabile.”

Ke a leboga.